Setswana: Regular

Updated ? hours ago # views See on DCS

Kgaolo

Chapter 1

1 Paulo, wa moaposetolo wa ga Keresete Jeso go ya ka taolo ya Modimo Mmoloki wa rona e bong Keresete tshepo ya rona, 2 go Timotheo, morwaake wa nnete mo tumelong: Tshegofatso, mautlwelobotlhoko, le kagiso go tswa ko go Modimo Rara le Kereste Jeso Morena wa rona. 3 Jaaka ke le kopile go dira fa ke ne ke ya Masetonia, salang mo Efese gore le tle le laole batho bangwe gore ba seka ba ruta thuto ee pharologanyo. 4 Lefa ele go tlhokomela dipolelo le dithulanyo tsa tshika tse di sa feleng. Se se dira dinganyisano go na le go thusa lenaneo la Modimo, e eleng ka tumelo. 5 Jalo maikaelelo a taolo ke lerato go tswa mo pelong ee itshekileng, go tswa mo letswalong le le molemo, le go tswa mo tumelo ee itshekileng. 6 Batho bangwe ba latlhegetswe ke tsela ba fetogetse dilo tse go ba bua boelele. 7 Ba batla go nna ba ruta molao, mme ga ba tlhaloganye se ba se buang le se ba se gatelelang. 8 Mme rea itse gore molao o siame fa motho a o dirisa ka fa molaong. 9 Re itse se, gore molao ga oa direlwa basiami mme ba ba tlolang molao le ba ba o tsuololang, ba ba sanang bomodimo le baleofi le baba senang Modimo bale matlhapa. O diretswe baba bolayang bo mmaabone le bo rraabone, babolai, 10 ba maleo a tlhakanelo dikobo, go ratana ka bong, ba ba phamolang batho ba ba dira malata, baaki, basupi ba e seng ba nnete, le mo go sepe fela sese kgatlhanong le taelo ee itshepileng. 11 Taelo e e dumalana kaga mafoko aa molemo a Modimo oo segofetseng e kee neetsweng ke tshepilwe ka yone. 12 Ke leboga Keresete Jeso Morena wa rona. O nthatafaditse, ka gore o mponye kele boikanyego, a mpaya go direla. 13 Ke ne ke le motlhapatsi, mmogisi, e bile kele monna yo o seganka. Mme ke amogetse boutlwelo botlhoko ka gore kene ke itirelela fela kago tlhoka go dumela. 14 Mme tshegofatso ya Morena wa rona ya penologa ka tumelo le lerato le le mo go Keresete Jeso. 16 Molaetsa o o boikanyego e bile o tshwanelwa kego amogelwa, gore Keresete Jeso o tlile mo lefatsheng go boloka baleofi . Ke yo o maswe go fetisa ba. 15 Mme ka lebaka le kene ka neelwa mautlwelobotlhoko, gore mo go nna, yoo ko godimo ka boleo, Keresete Jeso a supa bopelotelele botlhe. O dirile se ele sekai mo go ba e leng gore ba tla a motshepa mo botshelong jo bo sa khutleng. 17 Jaanong kgosi ya dingwaga, o o sa sweng, o o sa bonaleng, Modimo yo eleng ene fela, a go nne tlotla le kgalalelo ka bosakhutleng. Amen. 18 Ke baa taolo e fa pele ga gago, Timoteo, ngwanaka. Ke dira selo se goya ka diporofeto tse di kileng tsa dirwa ka wena, gore otle o tsene mo ntweng ee siameng. 19 Dira se gore otle o nne le tumelo le letswalo lele siameng. Bangwe ba ganne tse mme ba kgaotlhang ga ba dule mo tumelong. 20 Ba ke Hamenese le Alekesanta, ba ke ba neetseng Satane gore ba rutiwe go seka ba tlhapatsa.

Chapter 2

1 Ke gone santlha, ke laya gore dikopo, merapelo, merapelelo, le malebogo di direlwe batho bothe, 2 mo dikgosing le botlhe ba ba mo taolong, gore re tle re tshele botshelo ba kagiso bo bo didimetseng ka poifomodimo yothe le ka seriti. 3 Se se siame e bile se a amogelesega fa pele ga Modimo mmoloki wa rona. 4 O eletsa gore batho botlhe ba bolokwe gore ba nne le kitso ya boammaruri. 5 Gonne go Modimo a le mongwe fela, e bile go motsheraganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, monna Keresete Jeso. 6 O ne a intsha e le setlhabelo mo go botlhe, e le bopaki ka nako e e siameng. 7 Ka lebaka le, nna, ka bonna, ke dirilwe moreri le moaposetole. Ke bua boammaruri. Ga ke ake. Ke moruti wa Baditshaba mo tumelong le boammaruri. 8 Ka jalo, ke batla banna mo mafelong otlhe go rapela a bo ba tsholetsa diatla tsa bone tse di boitshepho go sena bogale le manganga. 9 Le gone jalo, ke batla basadi ba ikapese mo go siameng, ba le bonolo le boikgapho. Ga ba a tshwanela go nna le moriri o o logilweng, kana gouta, kana dibaga, kana ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo. 10 Ke batla gore ba apare mo go siametseng mosadi yo o batlang go tlotla Modimo ka ditiro tsa gagwe tse di molemo. 11 Mosadi o tshwanetse go ithuta mo tidimalong ka boineelo jotlhe. 12 Ga ke letlelele gore mosadi a rute kgotsa a diragatse taolo e e fetang ya monna, mme a tshele ka tidimalo. 13 Gonne Atamo o bopilwe pele, ga bo go latela Efa. 14 Le Atame ga a tsiediwa, mme mosadi o ne a tsiediwa mo go tlhokeng kutlo. 15 Ka jalo o tla bolokwa ka go belega bana, fa ba tswelela mo tumelong le mo leratong le go itshepisiwa ka tlhaloganyo e e itekanetseng.

Chapter 3

1 Puo e ya tshepagala: Fa mongwe a eletsa go nna molebeledi, o eletsa tiro e e molemo. 2 Ka jalo molebeledi o tshwanetse a bo a sena molato ope. O tshwanetse a bo a le monna wa mosadi a le mongwe. O tshwanetse a ikgapha, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa o montle, a tsaya batho sentle, a kgona go ruta. 3 Ga tshwanela gore a bo a gateletswe ke go rata mofine. a se seganka, mme boemong a nne bonolo, a agisanya. Ga tshwanela go rata madi. 4 O tshwanetse a bo a kgona go laola ba ntlo ya gagwe sentle, le bana ba gagwe ba tshwanetse ba mo ikobela ka tlotlo yotlhe. 5 Ka gore fa monna a sa itse go laola ba ntlo ya gagwe, o ka kgona go tlhokomela kereke ya Modimo jang? 6 O tshwanetse a bo a se mosha go bolokwa, gore a seka a ikgogomosa mme a wele mo tshekisong jaaka diabole. 7 O tshwanetse gape a bo a buega sentle mo go ba ba ko ntle gore a seka a wela mo matlhabisa ditlhong le mo selageng sa ga diabole. 8 Batiakone le bone ba tshwanetse ba bo ba le mokgwa o masisi, ba seka ba nna baitimokanyi. Ga ba tshwanela go nwa mofine thata kgotsa ba le dipelo di tshetlha. 9 Ba tshwanetse ba tshwara boammaruri jo bo senotsweng ja tumelo ka letswalo le le phepa. 10 Ba tshwanetse ba tlhatlhobiwa pele, ba bo ba ka direla ka gore ga ba bonwa molato ope. 11 Basadi ba batiakone ka mokgwa o ntseng jalo ba tshwanetse ba nna le seriti. Ba seka ba bua bosula ka ga batho ba bangwe. Ba tshwanetse ba nna masisi ba bo ba ikanyega mo dilong tsotlhe. 12 Batiakone ba tshwanetse go nna monna wa mosadi a le mongwe. Ba tshwanetse ba tlhokomela bana ba bone sentle le ba ntlo ya bone. 13 Gonne bao ba ba diretseng sentle ba iponela maemo a a siameng le bogaka mo tumelong e e mo go Keresete Jeso. 14 Ke go kwalela dilo tse, ebile ke solofela go tla ko go wena ka bofefo. 15 Mme fa ke ka diega, ke a go kwalela gore o itse gore o ka itshwara jang mo ntlong ya Modimo e e leng kereke ya Modimo yo o tshelang, pilara le kemo nokeng ya boammaruri. 16 Mme ga go ganediwe gore boammaruri jo bo senotsweng jwa bomodimo bo bogolo: ''o iponagaditse mo nameng, a siamisiwa ke mowa,a bonwa ke baengele, a bolelwa mo ditshabeng, o ne a dumelwa mo lefatsheng, a bo a tseelwa ko godimo mo kgalalelong. ''

Chapter 4

1 Jalo Mowa o bua ka botlalo gore mo dinakong tsa bofelo batho bangwe ba tlaa tlogela tumelo mme ba kgatlhegela mewa ee maswe le dithuto tsa matimona 2 mo maakeng a boitemokanye. Matswalo a bone a tlaa bo a tshwailwe. 3 Ba tlaa iletsa go nyala le go amogela dijo tse Modimo a di diretseng go kgaoganwa ka malebogong gareng ga bao ba dumelang ebile ba itse nnete. 4 Gonne sengwe le sengwe sese dirilweng ke Modimo se siame. Sepe se re se tsayang ka malebogo ase se ganwe. 5 Gonne se ntlafaditswe ka lefoko la Modimo le thapelo. 6 Fa o baya dilo tse fa pele ga bakaulengwe, o tlaa nna motlhanka oo molemo wa ga Jeso Keresete. Gonne le nonotshiwa ka mafoko a tumelo le ka thuto ee molemo e o e setseng morago. 7 Mme ganang dipolelo tsa lefatshe tse di ratwang ke basadibagolo. Boemong, ikatise mo poifomodimong. 8 Gonne go katisa mmele ke selo se se mosolanyana, mme poifomodimong e mosola mo dilong tsotlhe. Bo tshwara tshelofetso ya botshelo jo jaanong le bobo tla a tlang. 9 Molaetsa o o boikanyego e bile o tshwanelwa ke go amogelwa ka botlalo. 10 Ke sone se o bonang re sokola re bereka ka thata. Gonne rena le tshepo mo Modimong oo tshelang, yo e leng mmoloki wa batho botlhe, mme bogolo jang wa badumedi. 11 Bolelang le rute dilo tse. 12 A ope a seka a nyatsa bosha jwa gago. Boemong, nna sekai sa ba ba dumelang, mo puong, boitshwaro, lorato, boikanyego le mo boitshekong. 13 Go fitlhela ke tla, tswelela le bala, go kgothatseng, le mo go ruteng. 14 O seka wa tlhokomologa neo ee mo go wena, se one o se neetswe ka seporofeto, le mo peong ya diatla ke bagolwane. 15 Tlhoafelela dilo tse. Nna mo go tsone, gore tswelelo ya gago e bonale mo bathong botlhe. 16 Ikeleng tlhoko le dithuto tsa lona. Tswelela mo dilong tse. Ka gore go direng seo, o tlaa ipoloka obo o boloka le baba go reetsang.

Chapter 5

1 Le seka la omanya bannabagolo. Boemong, mo kgothatse jaaka o kare ke rre . Kgothatsang makawana jaaka e ka bo e le barwa. 2 Kgothatsang basadibagolo jaaka mme le makgarejwana jaaka bo kgaitsadi mo bophepeng jotlhe. 3 Tlotla batlholagadi, ba go senang ope yo o ka ba neelang sepe. 4 Mme fa motlholagadi a na le bana kgotsa bana ba bana, a ba simolole pele ka go supa tlotlo mo matlong ya bone. A ba duele batsadi ba bone gonne se se itumedisa Modimo. 5 Mme motlholagadi wa nnete o tlogelwa a le nosi.O baya tshepo ya gagwe mo Modimong. Bosigo le motshegare o nna a na le dikopo le dithapelo. 6 Le fa go ntse jalo mosadi yo o tshelelang monate o sule le fa a tshela. 7 Mme rera dilo tse gore ba tle ba seka ba nna le molato. 8 Mme fa mongwe a sa fe ba masika a gagwe, bogolo jang ba ntlo ya gagwe, o ganeditse tumelo mme o maswe go feta yo o sa dumeleng. 9 A mosadi yo o seng dingwaga di ko tlase ga masome a marataro e nne ene a tsenngwang mo batlholagading, a le mosadi wa monna yo mongwefela. 10 O tshwanetse a bo a itsewe ka ditiro tse di ntle. Go sa kgathalesege gore a o ntse a tlhokomela bana kgotsa o ntse a tshwara baeng sentle, kgotsa o tlhapisitse dinao tsa badumedi, kgotsa o golotse ba ba tlhokofaditsweng kgosa a ineetse go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo. 11 Mme ka batlholagadi ba ba botlana ganang go ba tsenya mo dipalong. Gonne fa ba ineela mo dikeletsong tsa nama kgatlhanong le Keresete, ba batla go nyalwa. 12 Ka tsela e ba betswa ke letswalo ka gore ba tlogetse tumalano ya bone ya pele. 13 Gape ba tsena mo mokgweng wa go nna fela. Ba tsena ntlo le ntlwana.Ese gore ba nna fela , mme gape ba seba ba bo ba rata dikgang tsa batho. Ba bua dilo tse ba sa tshwanelang go di bua. 14 Ka jalo ke batla bomme ba ba botlana gore ba nyalwe, ba tshole bana,ba tlhokomela matlo a bone, gore re seka ra neela mopateletsi sebaka sa gore pateletsa go dira bosula. 15 Gonne ba bangwe ba retologetse ko go Satane. 16 Fa mosadi mongwe yo o dumelang a na le batlholagadi a ba thuse, gore kereke e seka ya imelwa gore e tle e tlhokomele batlholagadi ba nnete. 17 A bagolwane ba ba laolang sentle ba fiwe tlotla e e menaganeng ga bedi,bogolo jang ba ba berekang ka lefoko le mo thutong. 18 Gonne dikwalo tsa re, ''O seka wa tsenya poo thibedi e santse e lema, '' le ''Mmereki o tshwanelwa ke dituelo ya gagwe.'' 19 O seka wa amogela puo ka ga moeteledipele fa e se go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. 20 Kgalemela baleofi fa pele ga batho botlhe gore ba bangwe ba tshabe go dira boleo. 21 Ka boikokobetso ke le laela fa pele ga Modimo le fa pele ga ga Keresete Jeso le baengele ba bone ba ba tlhophilweng. Gore le sale ditaolo tse morago le sa kgetholole mme ebile le sa dire sepe ka go tsaya matlhakore. 22 O seka wa itlhaganelela go baya batho diatla. O seka wa arogana maleo le beng ba one. O nne o le phepa. 23 O seka wa tlhola o nwa metsi. Boemong o nwe mofine o monnye go baakanya mala le malwetsi a go tshwenyang. 24 Maleo a batho ba bangwe a itsege mo pontsheng a ba etelela pele mo katlholong. Mme maleo a mangwe a ba sala morago. 25 Ka tsela e ntse jalo, ditiro dingwe tse di molemo di a itsewe, mme ebile tse dingwe di ka se fitlhewe.

Chapter 6

1 A botlhe ba ba ko tlase ga jokwe ele makgoba ba lemoge gore beng ba bone ba tshwanelwa ke tlotla yotlhe. Ba tshwanetse go dira se gore leina la Modimo le thuto di seka tsa tloga tsa tlhapadiwa. 2 Makgoba a a nang le beng ba bone ba ba dumelang ga ba a tshwanela go ba tlhokela tlotlo ka gore ke bakaulengwe. Mo boemong, ba tshwanetse ba ba direla le go feta. Gonne beng ba ba thusiwang ke makgoba a bone ke badumedi e bile ba a ratwa. Ruta o bolele dilo tse. 3 Fa re kare motho mongwe o ruta mo go pharologanyo a bo a sa amogele ditaelo tsa rona tse di boikanyego, ka mantswe a mangwe, mafoko a Morena wa rona Jeso Keresete. Fa re kare ba ba sa amogeleng thuto e e isang ko poifomodimong. 4 Motho yo o boikgogomoso gape ga a itse sepe. Boemong o a lwala ke mafoko ka gore se a batlang go se dira ke manganga. Maduo a dipuo tse ke lefufa, dikomano, ditlhapa, dipelaelo tsa bosula, le 5 kgotlhang e e tsweletseng fa gare ga batho le ditlhaloganyo tse di bosula. Ba thanogela boammaruri. Ba akanya gore poifomodimo ke tsela ya go huma. 6 Jaanong poifomodimo le go kgotsofalela se o nang le sone ke poelo e kgolo. 7 Gonne ga re a tla ka sepe mo lefatsheng. E bile ga re kake ra kgona go tswa ka sepe. 8 Ka jalo a re kgotsofadiweng ke dijo le diaparo. 9 Jaanong ba o ba ba batlang go huma ba wela mo thaelesegong, mo selageng. Ba wela mo dikeletsong tse di ntsi tsa boeleele di le botlhoko, le mo go sengwe le sengwe se se dirang gore batho ba nwele mo dilong tse di senang mosola le mo tshenyakong. 10 Gonne lerato la madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula. Batho bangwe ba ba a eletsang ba latlhetswe kgakala le tsela ya tumelo gape ba itlhabile ka bofutsana bo bo ntsi. 11 Mme wena, monna wa Modimo, tshaba dilo tse. Latela tshiamo, poifomodimo, boikanyego, lerato, boitshoko, le bonolo. 12 Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo. Tshwarelela botshelo bo bo sa khutleng bo o neng o bo bileditswe. E ne ele ka se gore o ne wa neela bopaki pele ga bapaki ba ba mantsi e le mo go siameng. 13 Ke go neela taolo e fa pele ga modimo, yo o dirang gore dilo tsotlhe di tshele, le fa pele ga ga Keresete Jeso, yo o buileng se se boammaruri ko go Pontase Pilato: 14 tshwara taolo e ka mo go siameng, o sena molato, go fitlhelela go iponatsa ga Morena wa rona Jeso Keresete. 15 Modimo o tla senola go iponatsa ga gagwe ka nako e e siameng- Modimo, Yo o segofetseng, nonofo e le esi, Kgosi e e busang, Morena yo o laolang. 16 Ene fela ka nosi o tshela ka bosakhutleng le go nna mo leseding le le ka sekang la atamelwa. Fa gona motho yo o mmonang kana yo o kgonang go mo leba. Go ene a go nne tlotla le nonofo e e sa khutleng. Amen. 17 Bolelela bahumi mo lefatsheng le gore ba seka ba ikgomosa, le gore ba seka ba solofela mo dikhumong, tse di sa tlhomamisiweng. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse ba solofela mo Modimong. O re neela dikhumo tsotlhe tsa boammaruri tse re ka di akolang. 18 Ba bolelele go dira bomolemo, go huma mo ditirong tse di molemo, go nna pelotshweu, le go eletsa go ka arogana. 19 Ka tsela e e ntseng jalo ba tla ipeela motheo o o siameng wa dilo tse di tla tlang, gore ba tle ba tshwarelele botshelo ba nnete. 20 Timotheo, sireletsa se o neng o se filwe. Ikgatholose puo ya boeleele le dingangisano tse di kgatlhanong le se se bidiwang kitso e e seng yone. 21 Batho bangwe ba bolela dilo tse le gone ba fositse tumelo. A tshegofatso e nne le wena. front