Kgaolo
Chapter 1
1 Mo tshimologong ya mafoko aa molemo a ga Jeso Keresete, Morwa Modimo. 2 Jaaka go kwadilwe mo go bukeng ya moporofete Isia, "Bonang, Ke romela morongwa wame ko go lona, ene yo o tlaa baakanyang tsela ya lona. 3 Lentswe la mongwe la goeletsa gotswa sekakeng, 'Baakanyang tsela ya morena; le tlhamalatse tsela tsa gagwe."' 4 Johane a tla, ko sekakeng a rera efangedi yago ikotlhaela dibe gore ba tle dibe tsa bone di itshwarelwe a kolobetsa ba ba dumelang. 5 Lefatshe lotlhe la Jutia le batho botlhe ba Jerusalema bane batla ko go ene. One a ba kolobetsa mo nokeng ya Jorotane, ba ipolela dibe. 6 Johane one a apere kobo ya boboa jwa kamela le moitlamo wa kgole mo nokeng, dijo tsa gagwe e ne ele tsie le mamepe. 7 O ne a rera are, "Ko morago game gotla yo mogolo gonale nna, ke sa lekana gomo khubamela go bofolola setlhako sa gagwe. 8 Ke kolobetsa ka metsi fela, Ene otla le kolobetsa ka moya o boitshepho." 9 Gone ga diragala ka malatsi ao gore Jeso atswe ko Nasaretha mo Galalea, o ne a kolobediwa ke Johane mo nokeng ya Jorotane. 10 Fa Jeso a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le mowa o boitshepo o tla ko go ene mopopegong ya lephoi. 11 Le lentswe la tswa ko magodimong, "O ke Morwaake yoo rategang. Yo ke itumetseng mo go ene." 12 Gape mowa wa mogogela ko sekakeng. 13 O ne a nna ko sekakeng malatsi a le masome a mane, a raelwa ke Satane. One a nale diphologolo tsa naga, baengele ba mo fa dijo. 14 Jaanong yare morago ga go tshwarwa ga ga Johane, Jeso atla mo galalea a rera mafoko a molemo a Morena, 15 are "Ke botlalo ba nako, le bogosi jwa Modimo bo gorogile. Ipoleleng dibe e be le dumela mo efangeding." 16 Yare a fetang fa lewatleng la Galalea, a bona Simone Petere le Antareo morwa raagwe ba latlhela letloa mo lewatleng, ka ene e le batshwari ba ditlhapi. 17 Jeso aba raya are," ntshalang morago, ke tla lo dira batshwari ba batho." 18 Gone foo ba tlogela matloa a bone ba mo sala morago. 19 Fa Jeso a tsamaya sekgelenyana, a bona Jakobe morwa Zebede le Johane morwarragwe; bane bale mo mokorong ba baakanya matloa. 20 O ne a ba bitsa, ba tlogela rrabone Zebede mo mokorong le batlhanka ba ba thapilweng, a bo ba mosala morago. 21 A bo batla mo Kaporename, ka Sabata, Jeso a ya ko sinagogeng go ruta. 22 Bane ba gakgamaditswe ke thuto ya gagwe, ka ane a ruta jaaka motho yoo nang le taolo eseng jaaka Bakwadi. 23 Gone foo go ne go nale monna mo sinagogeng yoo neng a nale mowa oo sa itshekang, mme a goa mo gogolo 24 are, "Re direng ka wena, Jeso wa Nazaretha? Aa o tsile gore senyaka? Kea go itse. O yo o itshekileng wa Modimo!" 25 Jeso a kgalemela letimona mme are, "Didimala mme otswe mogo ene!" 26 Mowa o o sa siamang wa tswa mo go ene wa molatlhela fa fatshe, wa goeletsa ka lentswe le legolo. 27 Batho botlhe ba ne ba gakgametse,ka jalo ba botsana dipotso, "Se ke eng? A ke Thuto e ntsha e ebile nale taolo? Ebile fa a kgalema mewa e bosula e a mo utlwa!" 28 Dikgang ka ene tsa phatlalala mafelo otlhe mo kgaolong ya Galalea. 29 Morago ga gotswa ka sinagoge,ba tsena mo teng ga ntlo yaga Simone le Antario, ba nale Jakobe le Johane. 30 Jaanong mogwagwadia Simone a robetse mo phateng mme a nale letshoroma, a bo ba bolelela Jeso ka ene. 31 O ne atla, a tsaya letsogo la gagwe, a bo a mo tsholetsa, a fola mo ane a ba fa dijo. 32 Maitseboa ao morago ga phirimo ya letsatsi, ba tlisa botlhe ba ba neng ba lwala le ba ba neng ba nale matimona. 33 Toropo yotlhe ene e kgobokane mo kgorong. 34 A fodisa bontsi jo bo neng bo lwala ka malwetsi a a farologaneng a koba le matimona, mme a seke a letlelele matimona go bua ka a ne a mo itse. 35 A kubuga, go santse go le lefitshwana, a tsamaya mme a nna ko lefelong le le bofitlha a rapela. 36 Simon le bao ba ba neng ba nale ene bamo senka. 37 yare ba mona ba mo raya bare, "Batho botlhe ba go batla." 38 Are, "Are yeng go lo ngwe, ko ditoropong tsedi gaufi gore ke tle ke rere teng le gone. Ke lone lebaka la gore abo ke tsile kwano." 39 A tsamaya Galalea ka bophara, a ruta mo di sinagogeng a koba le matimona. 40 Molepero a tla ko go ene. Amo kopa; A khubama amo raya are."Fao eletsa, ntira montle." 41 A nna mautlwelobotlhoko mo go ene, Jeso a otlolola letsogo amo ama, amo raya are, "Kea eletsa, nna phepa." 42 Ka nako eo lepero la fola , mme a dirwa phepa. 43 Morago ga go mo tlhagisa Jeso amo lesa a tsamaya, 44 Amo raya are, "O seka wa raya ope sepe, mme tsamaya, itshupegetse moperesita, o ntshe tshupelo e moshe a laetse gore e ntshiwe ke motho yo o fodisetssweng lepero jaaaka bopaki mo go bone gore o bone pholo." 45 Mme a tsamaya a simolola go bolelela mongwe le mongwe a gasa lefoko thata mo go neng ga dira gore Jeso a seka a tsena ka toropo epe a phuthulogile. Jalo o ne a nna mo mafelong a a bofitlha, batho batla ko go ene gotsweng khutlo tse nne tsa Lefatshe.
Chapter 2
1 Ene yare a sentse a boela ko Kaporonaone, morago ga malatsia a sekae batho ba utlwa gore osetse a buile ebiele oko gae. 2 Batho bane ba phutlhega ka di palo tse dintshi mo, goneng go sena phatlha gope, le fa mojakong tota, Jeso a bua le bone lefoko. 3 Banna bangwe bale bane ba tlisa monna wa seritsha, ko go ene. 4 Ntateng ya mosuke ba seka ba kgona go fitlha gaufi le ene, ba rutumolla marulelo a ntlu eneng ale mo go yone. Morago gago epa mosima ba isa monna wa seritsha ale mo bolaong jwa gagwe ko tlase. 5 Goboneng tumelo ya bone, Jeso a bua janna are, "morwa maleo a gago a itshwaretswe." 6 Mme bangwe ba bakwadi ba bo badutse felong leo ba ngongorega mo dipelong bare, 7 "Keng monna yo a bua jaana? O dule motsheleng ele ruri! A ga se modimo a itshwarela dibe ale ise? Ese motho ope. 8 Jeso mo moweng wa gagwe a itse ka bonako se ba se akantseng mo dipelong tsa bone. A ba raya are, "Keng le akanya jaana mo dipelong tsa lona? 9 Se se motlhofo ke eng go se raya monna wa seritsha yo, kere 'Dibetsa gago di itshwaretswe kana ema o tseye bolao ba gago o tsamaye'? 10 Mme gore le tle le itse gore morwa motho o filwe taolo ya go itshwarela dibe molefatsheng", araya monna wa seritsha, 11 "Jaalo ke go raya kere, tsoga, o tseye bolao ba gago oye ko ntu ya gago." 12 Jaalo ka bonako a tsoga mme a tsaya bolao ba gagwe, a tswa mo ntlung a bonwa ke mongwe le mongwe goya ko ntlung ya gagwe, yare batho go bona mo ba tlala ka kgakgamalo, ba simolola go rorisa le go boka modimo le go bua jaana bare, "Ke lantha re bona se." 13 One a tswela ko ntle gape, a fetla fa thoko ga lewatle, matshwitshwiti atla a mosetse morago, jalo a ba rutla. 14 E rile a fetla a bona Lefi morwa Alefiose antse fa felong la bakgethise amo raya are, "Ntshala morago", A ema a mosela morago. 15 Ene ya re Jeso a ile go ja ko lwapeng la ga Lefi, ga be gole bontshi jwa bakgethisi le baleofi ba bangwe ga mmogo le barutwa ba ga Jeso ba ja ga mmogo, gonne bane bale bantsi ba ba neng ba mosela morago. 16 Ene yare bakwadi ba eneng ele bafarasai ba bona se, baraya barutwa ba gagwe bare, "Keng Jeso a ja lebakgethise ga mmogo le baleofi ba bangwe?" 17 Fa Jeso a utlwa se, a bara ya are, "Ba ba lwalang ke bone ba tlhokang ngaka, mme ba ba itekanetse ga ba batle ngaka, ga kea tlela ba siame ke tletse baleofi." 18 Bafarasai le barutwana ba ga Johane bane ba le mo itimo dijong. Bangwe batla ko go ena bare, "Barutwana ba ga Johane ba itima dijo le ba Bafarasai, mme ke eng barutwana ba gago bone ba sa itime dijo? 19 Jeso aba araba are, "a lekile la sebona gore batlhokomedi ba monyadi ba itime dijo ba nale ene? Fa a santse a nale bone ga ba kake ba itima dijo. 20 Mme gotla diragala gore monyadi otla tsewa mogo bone ka malatsi ao, ke gone batla itima dijo. 21 Ga gona motho yo ka bayang sedibo sa letsela le lesha, mo kobong e kgologolo, eseng jalo patla e mo kobong e ka kgarogela pele, gonne mo go sha go beilwe go mogologolo. 22 Ga gona ope yo a tsayang mofine o mosha a otsenye mo matlalong a beelang mofine a magologolo, e seng jalo mabeelo a matlalo a mofine a tla thubega mme mofine o thubege mme mofine o tshologe. Bogolo oka tsaya mofine o mosha a o tsenye mo matlalong a belang mofine a masha." 23 Ya re ka tsatsi la Sabata Jeso a raletse masimo, barutwa ba gagwe ba simolola go tsaya ditlhaka tsa dihako ba dija. 24 Bafarasai batla ko go ene bare, "Bona ba dira selo se se sa letlelesegeng ka sabata?" 25 Aba raya are, "Ga lea utlwa gore Dafite one a dira eng le banna ba a neng a nale le bone fa bane ba tshwerwe ke tlala ba sena se ba se jang? 26 Erile nako ene mo peresita mogolo ele Abithara, a tsena mo ntu ya modimo a ja senkgwe sa bolenteng, jo bone bo sa jeweng ke ope ha ese ba peresita hela, ene abo ja abo a fa banna ba neng anale bone?" 27 Jeso are, "Sabata se diretswe batho, eseng batho Sabata. 28 Ka jalo Morwa Modimo ke Morena, le wa Sabata tota."
Chapter 3
1 Mme gape a tsena mo sinagogeng mme ga bo go na le monna a na le letsogo le le kokoropaneng. 2 Batho bangwe ba mo atumela go bona gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la sabata, gore ba tle ba mmone molato. 3 Jeso a raya monna yo o kokoropaneng letsogo a re, "Tsoga mme o eme fa gare ga mongwe le mongwe. 4 Mme a raya batho ba re," A go ka fa molaong go dira molemo kana go tlhokofatsa, go boloka botshelo, kana go bolaya ka letsatsi la sabata? Mme ba ne ba didimetse. 5 A lebelela mo go bone ka tshakgalo, a futsafadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, mme a raya monna are, "Otlolola letsogo la gago." A le otlolola mme Jeso a buseletsa letsogo la gagwe. 6 Bafarasai ba tswela ko ntle mme ka bonako ba loga leano le ba lekoko la ga Herota kgatlhanong le ene gore ba mmolae. 7 Mme Jeso, le barutwa ba gagwe, ba ya ko lewatleng, mme bontsi jwa batho ba ba sala morago go tswa mo Galalea le go tswa mo Jutea 8 le go tswa mo Jerusalema, le go tswa Idumea le go feta Jorotane le go dikolologa Tera le Sitona, bontsi jwa batho, fa ba utlwa sengwe le sengwe se a se di dirang, ba tla ko go ene. 9 A kopa barutwa ba gagwe go mmakanyetsa mokoro o mmonnye ka ntata ya bontsi jwa batho, gore ba seka mo gata. 10 Gonne o fodisitse ba le bantsi, gore ope fela yoo nang le ditlhokofatso a mo atamela gore a mo tshware. 11 Gope fela fa mewa e e maswe e neng e mmona, e ne e khubama fa pele ga gagwe e lela, mme e re, "O Morwa Modimo" 12 A ba kopa ka ikokobetso gore e nne sephiri. 13 A palama ko godimo ga thaba, mme a bitsa ba a neng aba batla, mme ba tla ko go ene. 14 A tlhoma ba ba lesome le bobedi (ba a ba biditseng ba aposetola), gore ba tle ba nne le ene le gore a tle a ba rome go rera, 15 le go nna le taolo go koba matimone. 16 Mme a tlhoma ba ba lesome le bobedi : Simon, yo a mmiditseng Petere, 17 Jakoba morwa Sebetia, Johane morwarragwe Jakobe, yo a mmiditseng Boagenas, ke gore barwa legadima, 18 le Antereo, Filipo, Batholemeo, Mathaio, Tomas, Jakobe morwa Alefaeso, Thataeso, Simon Moselota, 19 le Jutase Sekariota, yo a tlaa mo itatolang. 20 O ne a tsamaya a ya lapeng, mme bontsi jwa batho ba kgobokana gape, mo ba neng ba sa kgone go ja senkgwe. 21 Fa ba lelwapa la gagwe ba utlwa ka se, ba tsamaya goya go mo tsaya, gonne ba ne ba re, "O latlhegetswe ke tlhaloganyo." 22 Bakwadi ba ba neng ba tswa Jerusalema ba re, "O dirisiwa ke kgosi ya matimona (Beelzebul)," "gore ka moeteledipele wa matimone o kobela matimone ntle." 23 Jeso a ba biletsa ko go ene mme a bua le bone ka ditshwantsho, "Saatane o ka koba satane jang? 24 Fa puso e kgaogana ka bo yone, Puso eo ga e kake ya kgona go ema. 25 Fa ntlo e kgaogana ka bo yone, ntlo eo ga e ka ke ya kgona go ema. 26 Fa saatane a itsogologela ka bo ene mme a kgaogana, gaa kake a kgona go ema , mme o tlile ko bokhutlong. 27 Mme ga go na ope yoo ka tsenang mo ntlung ya monna yo o nonofileng a bo a utswa dithoto tsa gagwe, mme a sa funela monna yoo nonofileng pele, mme a bo a tsaya ntlo ya gagwe. 28 Ka nnete ke le raya ke re, maleo otlhe a barwa batho a tla itshwarelwa, le ditlhapa tsotlhe tse ba di buang, 29 mme ope fela yo o tlhapatsang moya o o boitshepo ga a kitla a itshwarelwa, mme o molato wa boleo jo ba sa feleng." 30 Jeso a bua se ka gore ba ne ba re, "O na le mowa o o maswe." 31 Jaanong mmaagwe le barwa rragwe ba tla ba nna ko ntle. Ba romela ko go ene, mongwe gore a mmitse mme a tle nae. 32 Mme bontsi jwa batho ba mo dikaganyetsa ba mo raya ba re, "Mmago le barwa rrago ba ko ntle, baa go batla." 33 A ba araba are, "Mme le barwarre ke bo mang? 34 A leba go dikologa mo go ba aneng a ntse nabo mo tafoleng a re, "Bonang, barwarre le mme ke ba fa! 35 Gonne ope fela yo o dirang go rata ga ga Rara, motho yoo ke kgaitsadi, morwarre le mme."
Chapter 4
1 Gape one a simolola go ruta fa lewatleng, matshititshiti a kgobokana fa go ene, a tsena mo mokorong mo lewatleng, a nna fa fatshe. Matshwititshwiti ane ale fa letshitshing la lewatle. 2 A ba ruta dilo dile dintsi mo ditshwantshong, mme a bua le bone mo thutong are, 3 ''Reetsang, molemi o ne aya go lema. 4 Ya re a lema, peo e nngwe ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsatla tsa eja. 5 Peo e nngwe ya wela mo makgwarapaneng, fa go neng go sena mmu o montsi. Ponyo ya leitlho ya tlhoga, ka gore e ne e sena mmu o montsi. 6 Mo tlhabong ya letsatsi, ya swaba, ka e ne e sena medi, ya omelela. 7 Peo e nngwe ya wela mo ditlharing tse di mitlwa. Ditlhare tse di mitlwa tsa gola tsa di hupetsa, mme tsa seka tsa ungwa. 8 Peo e nngwe ya wela mo mmung oo siameng ya ntsha maungo ya ntsifala, e nngwe ya ntsha masome a mararo, e nngwe masome a marataro, e nngwe lekgolo.'' 9 Yo o nang, ''Lefa ele mang yo o nang le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe.'' 10 FaJeso a le nosi, ba baneng ba le gaofi le ene le ba ba lesome lesome le bobedi ba mmotsa ka di ditshwantsho. 11 A ba raya are, ''Le neetswe masaitseweng a bogosi jwa Modimo. Mme mo go ba ba kwa ntle sengwe le sengwe semo ditshwantshong, 12 gore fa ba leba, ''Ee ba lebe, mme ba seka ba bona sepe, gore fa ba utlwa, ee baa utlwe, mme ba seka ba tlhaloganya utlwe. E seng jalo ba ka fetoga mme Modimo wa ba ba itshwarela'' 13 A ba raya a re, '' A ga le tlhaloganye setshwantsho se? Jaanong le tlaa tlhaloganya ditshwantsho tse jang. 14 Mojwadi o jwala lefoko. 15 Banngwe ke e e welang fa thoko ga tsela, fa lefoko le neng le jwadilwe teng. Mme fa ba le utlwa, ka ponyo ya leitlho satane a tsaya lefoko lele jwadilweng mo go bone. 16 Bangwe ke e e jwadilweng mo lekgarapaneng, fa ba utlwa lefoko, gone foo ba le amogela ka boitumelo. 17 Mme ga ba na modi , mme ga ba itshwarelele lebaka. Mme ditlhokofatso kana dipogisego di tla ka ntlha ya lefoko, mme ka bofefo ba kgopiwe. 18 Ba bangwe ke e e jwadilweng mo mitlweng. Ba utlwa lefoko, 19 Matshwenyego a lefatshe, tsietso tsa mahumo, dikeletso tsa dilo tse dingwe, di tsene di kgoreletse, lefoko, le tlhoke go ntsha maungo. 20 Gape gona le ba ba jwadilweng mo mmung o o siameng. Ba utlwa lefoko, ba le amogele ba ntshe maungo: ba bangwe masome a mararo, ba bangwe masome a marataro, ba bangwe lekgolo.'' 21 Jeso a ba raya a re, ''A le tsisa lebone mo ntlong le bo le le baya kafa tlase ga tlatlana, kana ka fa tlase ga bolao? Le tsise mo ntlong, obo o le baya fa setlhomong sa lebone. 22 Ka gore ga go sepe se se fitlhegileng se se tlaa sekeng se itsewe., ga go sepe se se bohitlha se se se kitlang se tswela mo pontsheng. 23 Yo o nang le ditsebe a a utlwe!'' 24 A ba raya a re, ''Reetsang ka kelotlhoko sele se utlwang, gonne selekanyo se le lekanyang ka sone, le tla a lekanyediwa ka sone, le tlaa lekanyediwa ka sone. 25 Yo o nang le sengwe, o tlaa okelediwa, mme yoo senang, go tlaa tseelwa se a nang le naso.'' 26 Mme are, ''Gonne Bogosi jwa Modimo bo tshwantshiwa le monna yoo jwalang peo ya gagwe mo lefatsheng. 27 O robala bosigo mme a tsoge phakela, peo e kukunye mme e gole, le fa asa itse gore jang. 28 Lefatshe le ungwa ka bolone: pele gotswe thito, gotswe matlhare, le seako sese godileng setswe mo thitong. 29 Fa seako se omilwe ka bofefo o isa sekele ka nako ya thobo e gorogile.'' 30 Are, "Re ka tshwantshanya bogosi jwa legodimo le eng, kana reka dirisa setshwantsho sefe go tlhalosa? 31 Go tshwana le thapo ya mositara e lemilweng, e e leng nnye mo go tsotlhe. 32 Mme fa e lengwa e gola e nna kgolo go feta dijwalo tse dingwe tsotlhe, e dire dikala tse ditona gore dinonyane tsa loapi di dire dintlhaga mo mereting ya tsone.'' 33 A bua lefoko ka ditshwantsho tse di tshwanang le se e one a bua lefoko le bone gore ba tlhaloganye, 34 O ne sa bue le bone asa dirise setshwantsho. Ya re a le nosi a tlhalosetsa barutwa ba gagwe sengwe le sengwe. 35 Ya re letsatsi le o le phirima,'' aba raya a re, "A re kgabaganyetseng kwa moseja.'' 36 Ba tlogela matshwititshwiti, ba tsamaya le Jeso ka one a setse ale mo mokorong. 37 Mekoro e mengwe e ne e na le bone. Matsubutsubu a simologa, makhuba a tsena mo lewatleng a tsena mo mokorong mme wa tlala metsi. 38 Jeso Keresete one ale ko morago, a robetse mo mosamong. Ba motsosa, bare, ''Moruti a gao kgathale ka gore rea swa?" 39 A tsoga a kgalemela matsubutsubu a raya lewatle ar e, "Kagiso," Ema o kgaotse matsubutsubu a didimala, ga nna tedimala e kgolo. 40 Aba raya are, ''Ke eng le boifa? A lentse ga lena tumelo?'' 41 Bane ba tshogile fela thata ba raana bare, "Ke mang yo, go nne a le diphefo tsa lewatle di a mo utlwa?''
Chapter 5
1 Ba tla ntlheng e nngwe ya lewatle, ko kgaolong ya Gerasenese. 2 Mme ka bofefo ya re Jeso a tswa mo mokorong,monna yo o neng a na le mewa e e maswe a tla kwa go ene a tswa mabitleng. 3 Monna o ne a nna mo mabitleng. Ope o ne a sa kgone go mo tshwara gotlhelele,le fa e le ka keetane. 4 O ne a funetswe gantsi ka ditshipi mo maotong le ka dikeetane.O ne a kgaola dikeetane ka bogare le ditshipi tsa kgaogana. Go ne go sena ope yo o nang le thata ya go mo tshwarang. 5 Bosigo bongwe le bongwe le motshegare mo mabitleng le mo dithabeng, o ne a lela a bo a itshega ka matlapa a bogale. 6 Fa a bona Jeso a le sekgalanyana, a mo tabogela a khubama fa pele ga gagwe. 7 A lela ka lentswe le le kwa godimo, "Ke direng ka wena, Jeso, morwa Modimo yo o ko godimo? ke a go kopa ka Modimo ka sebele ,o seka wa ntlhokofatsa." 8 Ka gore o ne a mo raya a re, "tswaya mo monneng,wena mowa o maswe." 9 A mmotsa a re, "Leina la gago ke mang?"A mo araba a re, "Leina la me ke mephato ya masole,ka gore re bantsi." 10 A mo kopa gangwe le gape gore a seka a ba koba mo kgaolong. 11 Jaanong ga bo go le serapa sa dikolobe di fula mo lejweng, 12 ba mo kopa,ba re, "re romele mo dikolobeng, a re tsene mo go tsone." 13 A ba letlelela; mewa e maswe ya tswa ya tsena mo dikolobeng, tsa tabogela ko tlase ga lejwe tsa itatlhela mo lewatleng,mme dikolobe tse di ka nnang dikete tse pedi tsa nwela mo lewatleng. 14 Ba ba neng ba disitse dikolobe ba sia ba ya go bolela kwa toropong le ntlheng e nngwe ya lefatshe.Jaanong batho ba ba ntsi ba tswela ko ntle ba tla go bona se se diragetseng. 15 Ba tla kwa go Jeso, ba bona monna yo o neng a na le matimone- mephato ya masole ya mewa e e maswe-a ntse fa fatshe, a apere, ebile a itekanetse tlhaloganyo, ba tshoga. 16 Ba ba boneng se se diragaletseng monna yo o neng a na le matimone ba ba bolelela gore go diragetse eng ka ene le ka dikolobe. 17 Ba simolola go mo kopa gore a tswe mo kgaolong ya bone. 18 Ya re a tsena mo mokorong,monna yo o neng a na le matimone a mo kopa gore a tsamae le ene. 19 A seka a letlelela seo, a mo raya a re, "Ya ko ntlong ya gago le batho ba gago, o ba bolelele se Modimo a se go diretseng le mautlwelo botlhoko a go a fileng." 20 A tswa a tsamaya a ya go bolela dilo tse di kgolo tse Jeso a di mo diretseng mo Dikapolis, mme mongwe le mongwe o ne a hakgametse. 21 Ya re Jeso a tloletse ka ko ntlheng e nngwe gape, matshwititshwiti a magolo a phuthega go mo dikologa jaaka a ne a ntse fa thoko ga lewatle. 22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang, Jairase, a tla, ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. 23 A kopa gangwe le gape, a re, "Morwadiake o gaufi le go swa, ke a go kopa, tlaa o mmee diatla gore a fole a tshele." 24 A tsamaya le ene, mme matshwititshwiti a ba sala morago a ba atumetse thata. 25 Jaanong ga bo go le mosadi yo o saleng a tshologa madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 O ne a boga thata mo tlhokomelong ya dingaka ka bontsi , a dirisa gotlhe mo a nang le gone.Boemong jwa go thusega seemo sa senyegela ko pele. 27 O ne a utlwile dipego ka ga Jeso. A tla fa morago ga gagwe fa a tsamaya fa gare ga matshwititshwiti, a ama diaparo tsa gagwe. 28 Ka o ne a re, "Fa ke ka kgoma diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola." 29 Fa a mo kgoma,go tshologa madi ga ema, a ikutlela mo mmeleng gore o fodile mo tlhokofatsong ya gagwe. 30 Ka bonako Jeso a itemogela gore nonofo e dule mo go ene.A leba mo matshwititshwiting a re, "Ke mang yo o kgomileng diaparo tsa me?" 31 Barutwana ba gagwe ba mo raya ba re ," O bona matshwititshwiti a a go kgobokanetseng ba go kgoma, o bo o re, 'Ke mang yo o nkgomileng?'" 32 Mme Jeso a leba go senka yo o dirileng jalo. 33 Mosadi ka go itse se se mo diragaletseng,a tshoga a bo a roroma. A tla a wela fa fatshe mo pele ga gagwe a mmolelela boammaruri jotlhe. 34 A mo raya a re "Morwadiaka tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso o bo o fodisiwe mo bolwetsing jwa gago." 35 Yare a santse a bua, batho bangwe ba tswa ko moeteledipeleng wa sinagoge, ba re, " Morwadio o tlhokafetse, ka go reng o tshwenya moruti go sena mosola?" 36 Mme ya re Jeso a ba utlwa, a raya mogolwane wa sinagoge a re," Se tshoge . Dumela fela." 37 A seka a letlelela ope go tsamaya le ene, fa e se Petere, Jakobe le Johane, morwa rragwe Jakobe. 38 Ba goroga ko ntlong ya moeteledipele wa sinagoge ba fitlhela tlhakatlhakano go le modumo o mogolo wa selelo. 39 Fa a tsena mo ntlong, a ba raya a re, "Le tenegetse eng e bile le lelela eng? Ngwana ga a tlhokafala o robetse." 40 Ba mo tshega, mme a ba ntshetsa botlhe kwa ntle,a tsaya rragwe le mmagwe ngwana, le bao ba neng a na le bone, ba ya mo ngwana a neng a le teng. 41 A tsaya letsogo la ngwana a re ,"Talitha koum," ke gore, "Mosetsanyana, ke go ra ya ke re, ema." 42 Ka bofefo ngwana a ema a tsamaya (ka o ne a na le dingwaga tse di lesome le bobedi). Ba ne ba hakgamala thata. 43 A ba laela a gagamaditse molao gore ope a seka a bua se se diragetseng. A ba laela gore ba mo neele sengwe sa go jewa.
Chapter 6
1 One a tswa gone koo aya ko motsesetoropo wa ga bone, barutwana ba gagwe bamo sala morago. 2 Fa letsatsi la Sabata le gorogile, aya go ruta ko sinanogeng. Bontsi ba baneng ba moutlwa ba sala ba gakgametse. Bare, "Dithuto tse odi tsere kae?" "Ke botlhale jwa mofuta ofe jo a bo neetsweng?" "Ke dikgakgamatso tsa kae tsea a di dirang ka matsogo a gagwe?" 3 "Aa monna yo gase mmetli, morwa Marea yole morwarre Jakobe le Josese, Jutas le Simone? Bo kgaitsadie ga bana fa le rona?" Jeso a ba kgopisa ka se. 4 Jeso aba raya are, "Moporofiti gaa na tlotlo, ko felong le a tsaletsweng ko go lone mo masikeng le ba lwapa la gagwe." 5 Ka one a ka seke a dira dikgakgamatso dipe, kontle ga go rapelela le go fodisa balwetse ba tsena moseatleng. 6 Go tlhokeng tumelo ga bone go ne gamo gakgamatsa. A tsamaya ya metseng e gaufi a ruta gone. 7 A bitsa ba ba lesome le bobedi aba roma, bobedi ka bobedi, a aba fa taolo godimo ga mewa e e bosula, 8 Aba fa ditaelo tsa gore ba seka ba tsaya sepe mo mosepeleng, le tseye dithobane tsa lona hela; le seka la tsaya senkgwe, le hale kgetsi , lefaele madi mo dipatleng tsa meitlamo ya lona, 9 le rwale ditlhako, mme le seka la tsaya diaparo tse dingwe gonale tse le di apereng. 10 Aba raya are, "Fa le fiwa boroko mo le lwapeng, le nne go fitlhela le tswa ka motseng o. 11 Fa toropo e sa le amogele kana ba sa lo reetse, le tsweng mo felong la teng, tlhotlhorang lerole mo dinaong tsa lona ele bopaki mogo bone." 12 Bane ba tsamaya ba rera gore batho ba ikotlhaele maleo a bone. 13 Ba koba matimona, le gotlotsa baneng ba lwala ka le okwane ba bo bafola. 14 Kgosi Harote a utlwa se, Leina la ga Jeso la bo le setse le tumile. Bangwe bare, " Ke Johane wa mokolobetsi o tsositswe mo baswing ka go bane o dirisiwa go dira masa itsiweng. " 15 Bangwe bare, "Ke ene Elija." Le ba bangwe bare, "Ke moporofeta, jaaka mongwe wa baporofeta ba bogologolo." 16 Mme fa Herote a utwa se are, "Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo, o tsositswe." 17 Ka gore Herote o ntshitse thomo ya gore Johane a tlhatlhelwe a bewe mo kgolegelong ka ntateng e se a se buileng ka Herotias (yo eleng mosadi wa ga morarragwe Filipo), le ka gore one a mo nyetse. 18 Ka Johane o ne a reile Herote, "Gago kafa molaong gore o ka nyala mosadi wa morwarrago." 19 Mme Herotias one a motshwere sekgopi mme a batla go mmolaya, mme ga seka ga kgonega, 20 ka Herote o ne a tshaba Johane; o ne a itse gore ke monna wa moitshepi ebile a itshekile, a mo baya mo polokelong e e siameng. Go moreetsa gone go mo kgopisa le go feta, le fa a ne amofa tsebe ka boitumelo. 21 Monyetla wa tla tsati lengwe ka letsatsi matsalo aga Herote, a dira dijo tsa maitseboa le badiredi ba gagwe, le balaodi ga mmogo le bagogi ba Galalea. 22 Morwadie Herotias a tsena mme a ba binela, a itumedisa Herote le balalediwa ba gagwe. Kgosi a raya morweetsana are, " Mpolelela se ose batlang mme ke tlaa se go neela." 23 A mo ikana are, "Tsotlhe tseo di batlang, ke tlaa digo naya, go ya ko sephatlong sa bogosi baame." 24 O ne a ya ko go mmagwe a mo raya are, "Ke kope eng?" Amo fetola are, "Tlhogo ya ga Johane wa mokolobetsi." 25 Gone foo a tsena ka mahega ko go kgosi a kopa, are, "Ke batla o nnele gangwe, mo sejaneng,tlhogo yaga Johane wa mokolobetsi." 26 Kgosi a utlwa botlhoko, mme ka maitlamo a gagwe le balalediwa o ne a ka seke a gane kopo eo. 27 Jalo kgosi a laola lesole gotswa mo badiseng gore a ye go tla ka tlhogo yaga Johane. Motlhokomedi o ne a mo tsaya a mo kgaola tlhogo mo kgolegelong. 28 A tsisa tlhogo ya ga Johane mo sejaneng a e neela morweetsana, mme morweetsana a e fetisetsa ko go mmagwe. 29 Mogo utlweng se ga barutwana ba gagwe, ba ne batla ba tsaya mmele wa gagwe bao fitlha. 30 Bapostola, ba baneng ba kgobokanetse Jeso, ba mo begela tsotlhe tse ba di dirileng le tse badi rutileng. 31 A ba raya are,"tsamayang le ye ko lefelong le le kgakala le ikhutse." Ka bontsi bo ne bo tla ebe bo tsamaya, ba senale nako ya go ja. 32 Ba ne ba tsaya mokoro ba ya ko lefelong le le kgakala ka bo bone. 33 Yare ba bona ba tsamaya, bontsi ba ba lemoga, ba ne ba tabogela teng ka maoto go tsweng ditoropong tsotlhe, ba goroga pele ga bone. 34 Fa ba goroga fa letshitshing, ba bona matshwititshwiti a ba utlwela botlhoko ka ba ne e kare dinku di sena modisa. A simolola go ba ruta tse dilo tse dintsi. 35 Fa go nna lefifi,barutwana ba gagwe ba tla ko go ene bare, "Se ke lefelo le le kgakala mme go ebile goa fifala. 36 Ba reye ba tsamae gore baye ko mafelong a a gautshwane gore ba kgone go ithekele se ba ka se jang." 37 A ba araba are, "Ba feng se ba ka se jang lona." Ba mo raya bare, "Re ka ya go reka senkgwe se se lekanang le madi a makgolo a mabedi tuelo ya letsatsi mme re ba fe ba je?" 38 A ba raya are, "Le nale dinkgwe dile kae? Tsamayang le e go bona." Fa ba lemoga bare, "Dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi." 39 A fa taelo ya gore mongwe le mongwe a nne fa fatshe ka ditlhophana mo tlhageng. 40 Bane ba nna mo ditlhopheng; tsene dine dinale batho bale tsa makgolo, le masome a a matlhano. 41 Fa a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa magodimong, a di sogofatsa aboa a kgaoganya dinkgwe a di neela barutwana gore ba di neye batho goyeng ka ditlhophana. . A kgaoganya ditlhapi tse pedi mo go bone botlhe. 42 Botlhe baa ja mo baneng ba kgora. 43 Bane ba sela masalela a dinkgwe, kgamelo tse lesome le bobedi di tletse, le masalela a ditlhapi. 44 Gone ga ja banna ba le di kete tse di tlhano. 45 Gone foo o ne a dira gore barutwana ba gagwe ba tsene mo mokorong gore ba mo etelele pele go ya ko lethakoring le lengwe, ko Bethesaita, fa a santse a phatalatsa batho. 46 Fa ba fetsa go tsamaya a ya ko godimo ga thaba go rapela. 47 Maitseboa a fitlha, mokoro wa bo ole fa gare ga noka, ene abo le nosi mo lefatsheng. 48 O ne a bona gore ba tshwenyegile ka bane ba kgweetsa mokoro kgatlhanong le di phefo. Fa masa aasa, atla ko go bone, a tsamaya mo metsing, a batla go fetla ka bone. 49 Fa ba mmona a tsamaya fa godimo ga metsi, ba ne ba akanya gore ke sepoko ba goeletsa, 50 ka gore go mmoneng ba tshoga mo gogolo. Gone foo aba raya are, "Gomotsegang! Ke nna! Se boifeng." 51 A tsena mo mokorong le bone, mme diphefo tsa didimala. Ba ne ba gakgametse ele ruri. 52 Ka bane basa tlhaloganya sesupo sa dinkgwe. Jalo, dipelo tsa bone dine di thatafetse. 53 Fa ba sena go kgabaganyetsa ko lethakoring le lengwe, ba tla ko lefelong la Genesarete mme ba emisa mokoro. 54 Fa ba tswa mo mokorong, teng foo ba mo lemoga. 55 Ba taboga mo kgaolong ba simolola go tsisa balwetsi ba ba mo diphateng, gongwe le gongwe ko ba utlwileng gotwe o etla. 56 Ka nako ya a tsena ka metsana le ditoropo, kana mo lefatsheng, ba tlaa baya balwetsi mo marekisetsong, mme ba mo kope gore baka kgoma seaparo sa gagwe bogolo. Mme bontsi bamo kgoma mme ba fola.
Chapter 7
1 Bafarasai le bakwadi banngwe ba ba neng batswa Jerusalem ba mo phuthaganela. 2 Ba lemoga gore bangwe ba barutwana ba ga Jeso ba jele senkgwe ka matsogo a a leswe. Gonne bane ba sa tlhapa matsogo. 3 (Go nne Bafarasai le mongwe le mongwe wa Mojuta bane batlhapa diatla mogo bonala pele ga ba ka ja, mo ele go sela morago ngwao ye ba efilweng ke bagolo. 4 Ha go ka direga gore mofarasai aye marekisetsong fa a boa otla tshwanang ke gore tlhapa pele fa a ka ja. Gone gona le mengwe meila e ba tshwanetseng go e diragatsa jaaka go tlatswa di kopi, dipitsa, dijana tsa copore le ditilo tse banneng ba di dirisa fa ba ja.) 5 Bafarasai le bakwadi ba botsa Jeso bare, "Keng barutwana ba gago ba sa sale ngwao ere netsweng ke bagolo, bane ba ja senkgwe sa bone ba sa tlhapa matsogo?" 6 Mme a ba raya are, "Moporofita Esaea o buile boammaruri ka lona fa are, 'Batho ba ba nkobamela ka di puonama mme di pelo tsa bone di kgakala le nna. 7 Ba naya dikobamelo tse di lolea, ebile ba ruta melao ya batho ele thuto ya bone.' 8 Le ikgatholositse ditaelo tsa Modimo le itlhaganele go dira ngwao ya bo raalona". 9 Le go ba raya are "Le dira ka bomo gotlola melao ya Modimo gore le dire ngwao ya bo ralona! 10 Gone Moshe orile 'Tlotla maago le rrago,' le, 'Yo o buang bosula ka mmaagwe kana rraagwe otla swa ele ruri.' 11 Mme lona lare, 'Fa mongwe a raya maagwe kana rragwe are sepe fela senka bong ke go se neela jaanong ke 'Kabone' (ke mpho ya modimo jaanong), 12 abo jaanong a nale kgololesego ya go seka go direla batsadi ba gagwe sepe. 13 Le dira ditaelo tsa Modimo go tswa lefela ka ntlha dithuto tsa ngwao ya lona tse ebile le dirutang ba ko tlase ga lona, le gotswelela le dira tse dingwe tse di bosula." 14 A bitsa matshwititshwiti a ba raya are, "Ntheetsang lotlhe e bile le tlhaloganyeng se. Ga gona sepe se se tsena ka molomo wa motho se se mo leswafatsang. 15 Ga gona sepe se setswang konte ga motho se se tsena mo go ene se se ka moleswafatsang. ke se tswang ka molomo wa gagwe se se mo leswahatsang. 16 (Yoa nale le tsebe otla utlwa se). 17 Morago jaanong fa Jeso a le ko ntlong le bone morafe o seo ba motsa ka setswantsho. 18 Jeso aba araba are, "ale le lona ga letlhaloganye? A gale bone gore se setsenang mothong setswa kontle ga se kitla se moleswafatsa, 19 kaa gore ga se tsene mo pelong, setsena mo mpe se bowe se fetele ko ntlwaneng?" Go bue se Jeso one a supa fa dijo tsotlhe dile phepa go ka jewa. 20 Aba raya are, "Ke se setswang mo teng ga motho se se moleswafatsang. 21 Gone go tswang mopelong ya motho, go tswa dikakanyo tse di bosula, bogodu, gotswa mmolai, 22 boaka, go tswela dilo tsa batho pelo, go nna pelo maswe, boferefere, go nale ditakatso tse disa laolesegeng, go fufega, go bua batho maswe, boikgogomoso, boeleele. 23 Masula a otlhe atswa mo teng ga motho ke one a leswafatsang." 24 A tswa mo felong leo, aya ko kgaolong tsa Tario le Sitona. A tsena mo ntlong gone ose sa batle ope a itse gore o teng, a ntse a itse gore bo leng teng ba gagwe ga se bo bo ka fitlhwang. 25 Mme ka bo nako mosadi yo ane a nale morwadie yo one a tshwenga ke matimona a utlwa ka se, a tla a khubama, fa dinao tsa gagwe. 26 Mosadi yo abo ele mogerika wa mo semosakofia ka tshika. Amo kopa go koba letimona mo morwadie wa gagwe. 27 Amo raya are, "A go je bana pele gone ga go a siama gore ke tseye borotho jwa bana kebo neye ditshwa." 28 Mme a moraya are, "Ee, Morena, le ditshwa dija matlhotlhora a wang motafoleng yabana ba mong wa tsone." 29 Amo raya are, "Ka gore o buile se, o ka tsamaya. Letimona le dule mo go ene." 30 Ya re a boela ko ntlong ya gagwe a fitlhela morwadie a robetse mo bolao le timona le dule mo go ene. 31 Yare go tsweng mo kgaolong ta Tario, le go ra lela Sitona go isa ko lewatleng la Galalea go fitlha ko kgaolong ya ditoropo tse lesome. 32 Bane ba mo tsisetsa susu e ne ebile ele semumu ba mo kopa go mo baya matsogo. 33 Amo ntsha mo matshwititshwiting go isa ko lefelong la sephiri, a mo tsenya menwana mo ditsebeng, yare a hetsa gokgwa mathe, mo kgoma loleme. 34 A leba kwa legodimong mme a dira letshwao, a bo a mo raya are, "Ephapahata" a raya gore "Bulega"! 35 Ka ponyo ya leitlho a bo a setse a utlwa, le se sene se kganna loleme la gagwe go bua sa senyakiwa ka jalo a kgona go bua gape. 36 A ba laela gore ba seka ba bolelela ope ka se. Mme fa re o ba tlhagisa ka se, bone ebile ba tswelele ka go bua thata ka kgang e. 37 Ba bo ba gakgametse mo go tona ba re "O dira dilo sentle tota, abo a dira le bo susu go boa ba utlwa le dimumu gore di kgone go bua gape."
Chapter 8
1 Mo malatsing ao, gabo gole matshwititshwiti gape a sena se a se jang. Jeso a bitsa barutwana ba gagwe mme a ba raya are, 2 "Ke utlwela bontsi bo botlhoko, ka gore ba tsweletse ka gonna le nna mme ga ba ise a je sepe malatsia a a mararo. 3 Fa ke ba romela ko malapeng ba sa ja sepe ba ka felela ba idibala. Mme bontsi ba tswa kgalala." 4 Barutwana ba gagwe ba mo araba bare, "Re ka tsaya kae dinkgwe tsedi ka lekanang batho ba?" 5 A ba botsa gore, "Le nale dinkgwe dile kae?" Bare, "Bosupa." 6 A fa bontsi taolo ya gore ba nne fa fatshe. One a tsaya dinkgwe tse supa, a isa malebogo, mme adi kgaoganya. A di neela barutwa gore ba nne mo pele ga bone, mme ba nna pele ga matshwititshwiti. 7 Ga mmogo ba bo ba na le ditlhapi, mme morago ga malebogo, a neela barutwa gore ba bafe tse gape. 8 Ba kgotsofadiwa ke dijo tse ba neng badi filwe. Ba sela masalela mme a tlala kgamelo tse supa. 9 Gone go nale dikete dile nne tsa batho. Mme a ba laela go tsamaya. 10 Gone foo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, mme baya mo kgaolong ya Dalamonutha. 11 Mme bafarasafi ba tla go tla go ganetsana le ene. Ba mo raya bare a ntshe sesupo sa bolegodimo mme ele teko. 12 Ale mo moweng a re, "Ke eng kokomane e e batla go itse ditshupo? Ka nnete kea le bolelela, ga gona sesupo se kokomane e eka se neelwang." 13 A ba tlogela, a tsena mo mokorong gape, mme aya ka ko boseja. 14 Jaanong barutwana ba gagwe ba ne ba lebetse go tsaya dinkgwe tsa bone. Bane ba sena le faele senkgwe sele sengwe mo mokorong. 15 O ne a ba tlhagisa are, "Lebelelang mme le tlhokomeleng sebidiso tsa bafarasai le sa ga Herote.'' 16 Barutwana ba botsana, "Ke ka gore ga rena senkgwe." 17 Jeso one a etse tlhoko se mme are, "Ka goreng le ipotsa ka go tlhoka senkgwe? Gale ise le dumele? Ga le tlhaoganye? Dipelo tsa lona di ntshofetse? 18 Le nale matlho, a a gale bone? Le nale ditsebe, gale kgone go utlwa? Gale gakologelwe? 19 Fa ke kgaoganya dinkgwe tse tlhano mo Diketeketeng tse tlhano tsa batho, le ne la sela masalela a dinkgwe a tletse dikgamelo tse kae?" Bamo raya bare, "Lesome le bobedi." 20 "Lefa ke kgaoganya dinkgwe tse supa mo go baba dikete tse nne, le ne la tsaya dikgamelo tse kae di tletse?" Ba mo raya bare, "Bosupa." 21 A ba raya are, "Le jaanong gale tlhaloganye?" 22 Bane batla mo Bethesaide. Batho ba ba neng ba le foo ba ne ba tsisa monna wa sefofu mme ba kopa Jeso gomo kgoma. 23 Jeso a tsaya letsogo la sefofu, a mo isa ko ntle ga motse. A mo tshasa seretse mme a mo rapelela, a mmotsa, "A obona sengwe?" 24 A leba ko godimo mme are, "Ke bona banna ba ba lebegang jaaka ditlhare tsedi tsamayang." 25 Gape a boa a rapelela matlho a gagwe, mme monna a bula matlho a gagwe, a nna le pono, mme a bona tseo tsotlhe sentle. 26 Jeso a mo romela ko lapeng are, "O seka wa tsena mo toropong." 27 Jeso o ne a tsamaya le barutwana ba gagwe go ya ko motseng wa Kaesare Filipi. Mo tseleng a botsa barutwana ba gagwe, "Batho bare ke mang?" 28 Ba mo araba bare, "Johane wa mokolobetsi. Bangwe bare, 'Elija,' ba bangwe bare, 'Mongwe wa baporofeta.'" 29 A ba botsa, "Mme lona lare ke mang?" Petere a mo raya are, "Ke wena Keresete." 30 Jeso a mo tlhagisa gore a seka a bolelela ope ka ene. 31 A simolola go ba rutwa gore Morwa motho o tlaa bogisega mo dilong tse dintsi, le gore o tlaa seke a amogelwe ke bagolwane, moperefisiti le bakwadi, o tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo a tsoge. 32 A bua se a utlwala. Petere amo tseela fa thoko a mo kgalemela. 33 Mme Jeso a leba barutwana ba gagwe a kgalemela Petere a re, "Ntshalologa morago Satane! Gao kgathale ka dilo tsa Modimo, mme ka dilo tsa batho." 34 A bitsa batho le barutwana ba gagwe, aba raya are, "Fa mongwe a batla go ntshala morago o tshwanetse go ineela, a tseye sefapaano sa gagwe, mme a ntshale morago. 35 Mme yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegelwa, mme mongwe le mongwe yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya leina lame le ka efangedi, o tlaa bo somarela. 36 Go tswela mang mosola, go nna le lefatshe lotlhe, mme a latlhe botshelo jwa gago? 37 Motho o ka fa eng mo boemong jwa botshelo jwa gagwe? 38 Mongwe le mongwe yo o tlhabisiwang ditlhong ke nna le mafoko ame mo boakafading le kokomane e e leofileng, Morwa motho o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong faa tla mo kgalalelong ya ga Rragwe le Baengele ba ba itshekileng.''
Chapter 9
1 A bo a ba raa are; " Ka boammaruri kele raya kere, gona le bangwe ba lona ba ba emeng fa ba ba se kitlang ba swa pele ga ba bona bogosi jwa legodimo bo tla ka nnofo. 2 Morago ga malatsi a marataro, "Jeso Keresete a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya kwa godimo ga thaba,ba le nosi fela. Jaanong a fetolwa tebego fa pele ga bone, 3 diaparo tsa gagwe tsa tsabakela,tsa nna ditsweu tshweu, go feta jaaka di ka tlhatswiwa ka sepe fela se se sweufatsang mo lefatsheng. 4 Jaanong Elisha le Moshe ba bonala fa go bone ba bua le Jeso , 5 Petere a araba a raya Jeso are; "Rabi" go molemo mo go rona go nna fa, jaanong are ageng metlaagana ele meraro,o mongwe wa gago, o mongwe wa ga Moshe, o mongwe wa ga Elisha, 6 (ka gore one a sa itse gore o ka reng ka ba ne ba tshogile.) 7 Leru la tla la ba khurumetsa. Jalo ga tswa lentswe mo lerung lere; "Yo ke morwaake yo ke mo ratang, mo utlweng. 8 "Ka bonako fa ba leba fa go bone ba seka ba tlhola ba bona ope ana le bone fa ese Jeso fela. 9 Fa ba fologelela go tswa kwa thabeng, a ba laela gore ba seka bo bolelela ope ka se ba se boneng, go fitlhela morwa motho a tsoga mo baswing, 10 Jalo ba ipeela kgang e mo go bone fela, mme ba botsanya bare, "go tsoga mo baswing" go ka tswa go tewa eng. 11 Ba mmotsa bare; "ke eng bakwadi ba molao ba re Elija o tlaa tla pele" 12 aba araba are, "Elija o atla ka nnete go tla go boseletsa dilo tsotlhe, jaanong ke eng go kwadilwe gotwe morwa motho o tshwanetse go bogisiwa ka dilo tse dintsi ab a ilwa? 13 Mme ke le raa kere Elija o tsile, mme ba mo dirile sengwe le sengwe se ba se batlang, jaaka dikwalo di bua ka ene". 14 Jaanong ba boela gape ko barutweng, ba bona matshwititshwiti a ba dikologile le bakwadi ba molao ba ganetsana le bone, 15 ya re ba mmona, batho botlhe ba gakgamala ba tabogela ko go ene go mo dumedisa. 16 A botsa barutwa ba gagwe; "le ganetsana le bone ka eng"? 17 Mongwe mo bontsing joo amo araba; "Moruti, ke tsisitse morwa wame ko go wena,o na le mowa o o dirang gore a seka a kgona go bua, 18 oa mo tshwara, omo latlhela fa fatshe,a phoke lehulu mo ganong,a phure meno abo a gagamala. Ke kopile barutwa ba gago go le kobela ntle mme ba seka ba kgona, 19 A ba araba, "Kokomane ee sa dumeleng, ke tshwanetse go nna le lona lebaka le le kae, ke le itshokele go fitlhela leng? mo tliseng ko go nna." 20 Ba tsisa mosimane ko go ene. Fa mowa o bona Jeso, ka bofefo wa mo tsikitletsa mmele. Mosimane a wela fa fatshe a phoka diphulo mo ganong. 21 Jeso Keresete a botsa rraagwe, "O sa le a nna jaana leng"? Rraagwe are, "Go tswa bonnyeng jwa gagwe. Fa gongwe o mo latlhela mo molelong kana mo metsing o leka go mo senya. 22 Fa gona le se o ka se dirang, re utlwele botlhoko ore thuse." 23 Jeso amo raya are, "ke eng ore fa o ka kgona'? Dilo tsotlhe di a kgonafala mo go ba ba dumelang", 24 Ka bonako rraagwe ngwana a lelela ko godimo are, "Ke a dumela! nthusa go sa dumeleng game". 25 Erile Jeso a bona batho ba bantsi ba tla ba tabogetse ko go bone,a kgalemela mowa oo maswe are, "lona mowa wa bomumu le bosusu, ke go laola tswaya mo go ene, ebile o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape." 26 Wa lelela ko godimo o tsikitletsa mosimane mo go golo mme wa tswa. Mosimane a lebega jaaka e kete o sule, mo bontsi bo neng bore "o sule". 27 Mme Jeso a mo tsaa ka letsogo a mo emeletsa, mosimane a ema ka dinao. 28 Fa Jeso a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa mo sephiring, "Ke eng re ne re sa kgone go o kobela ntle?" 29 A ba raya are, "Wa mofuta o, ga o nke o ntshiwa ko ntle ga ka thapelo". 30 Ba tswa foo,ba feta ka Galalea,a seka a batla ope a itse fa ba neng ba le teng, 31 ka gore o ne a ruta barutwa ba gagwe. A ba raya are, "Morwa motho o tlaa rolelwa mo diatleng tsa batho mme ba tlaa mmolaa. Fa a sena go bolawa, morago ga malatsi ale mararo o tlaa tsoga gape". 32 Mme ba seka ba tlhaloganya kgang e, ba tshaba go mmotsa. 33 Ba tla mo Kaperename, ya re ale mo ntlong aba botsa gore, "Le ne le buaisanya eng fa le tla mo tseleng"? 34 Mme ba didimala. Ka gore ba ne ba tla ba ganetsana mo tseleng ka gore ke mang yo mogolo. 35 A nna fa fatshe, a bitsa ba ba lesome le bobedi ga mmogo, aba raya are, "Fa go na le mongwe yo o batlang go nna wa ntlha, o tshwanetse go nna wa bofelo le motlhanka wa mongwe le mongwe". 36 A tsaya ngwana yo monnye, a mmaya fa gare ga bone, a mo tshwara ka letsogo a ba raya are, 37 "Yo o amogelang ngwana yo ka leina lame, le nna o nkamogetse, mme le fa mongwe a nkamogela, ga a nkamogele ke le nosi, o amogela le yo o nthomileng. 38 Johane amo raa are, "Moruti ke bone mongwe a ntsha mewa ee maswe ka leina la gago mme ra mo emisa,ka gore gaa re sale morago, 39 "Mme Jeso are, "le seka lamo emisa, gonne ga gona ope yo o ka dirang tiro e ntle ka leina lame mme morago ga moo a bua bosula ka leina lame. 40 Ope yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona. 41 Ope yoo go sielang metsi gore onwe ka gore o wa ga Keresete, ka boammaaruri ke a le raya ga a kake a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe. 42 Ope yo o ka dirang gore baba palo potlana ba ba ntshetseng morago ba kgopiwe, go tlaabo go le botoka gore a gokelelwe letlapa le letona mo molaleng mme a latlhelwe mo lewatleng. 43 Fa letsogo la gago le go kgoreletsa, le kgaole. Ka gore go botoka go tsena mo botshelong o le segole go na le go ya diheleng o na le matsogo a mabedi mo molelong o o sa timing. 44 Ko seboko se teng se sa sweng,le molelo wa teng ga o tingwe. 45 Fa lenao la gago le dira gore o kgopiwe le kgaole, Go botoka gore o tsene mo botshelong o le segole go na le gre go nna le maoto a mabedi o bo o latlhelwa mo diheleng. 46 Ko seboko sa teng se sa sweng,le molelo wa teng ga o tingwe 47 Fa leitlho la gago le go dira gore o kgopiwe, le kgaole, go botoka go tsena ka bogosi jwa legodimo ka leitlho le le lengwe go na le go nna le matlho a mabedi obo o latlhelwa mo diheleng, 48 Ko seboko sa teng sesa sweng,le molelo wa teng ga o tingwe 49 Gonne mongwe le mongwe o tsile go babolwa ka molelo. 50 Letswai le molemo, mme fa letswai le latlhegetswe ke tatso ya lone, o ka le dira letswai gape jang? Nnang le letswai mo go lona mme le nne ka kagiso ga mmogo.
Chapter 10
1 Jeso a tswa fa lefelong le o, a tsamaela ko dikgaolong tsa Jutea go ya go feta ka noka ya Jorotane, bontsi jwa tla kwa go ene gape. A ba ruta gape jaaka ane a tshwanetse go dira. 2 Bafarasai ba tla ko go ene ba mo leka ka dipotso bare; "a go ka fa molaong gore monna a tlhale mosadi?" 3 A araba are, "Moshe o le laoletse eng?" 4 Bare, "Moshe one a letlelela monna go kwalela mosadi setlankana sa tlhalo mme a mo kobe." 5 "E ne ele ka ntlha ya dipelo tsa lona tse di thata gore a le kwalele molao o." ga bua Jeso. 6 "Mme Ko tshimologong ya lebopo, Modimo o le popile le le monna le mosadi.' 7 Ka lebaka lone le monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe go ngaparela mosadi wa gagwe, 8 mme bobedi jo bo tlaa nna nama ele nngwe, jalo ga ba sa tlhole ba le babedi mme ke nama ele nngwe. 9 Jalo he, se Modimo a se kopantseng, a go se nne ope yo o se kgaoganyang. 10 Ya re bale mo ntlong, barutwa ba mmotsa ka se, 11 a ba raya are, "ope yo o tlhalang mosadi wa gagwe a bo a nyala yo mongwe o mo direla boaka. 12 Le mosadi fa a tlhala monna wa gagwe go ya go nyala monna yo mongwe, o dira boaka." 13 Ba tlisa bana ba bone ba bannye ko go ene gore aba kgome, mme barutwa ba ba kgalemela. 14 Ya re Jeso a lemoga se, a seka a itumela a ba raya are, "Letlang bana go tla ko go nna,le seka la ba kganela, ka gore bogosi jwa Modimo ke jwa bone bao. 15 Ka boammaruri ke le raya kere, ope yoo sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a tsena ka jone". 16 Jaanong a tsaya bana, a ba sogofatsa jaana a ntse a ba baya diatla. 17 E rile a simolola mosepele wa gagwe, monna mongwe a mo tabogela, a khubama fa go ene. a mmotsa, "Moruti yoo molemo, ke dire eng go rua botshelo jo bo sa khutleng?" 18 jalo Jeso are, "ke eng o mpitsa yoo molemo?, ga go ope yoo molemo ko ntle ga Modimo ale nosi. 19 Le itse ditaelo: o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa fa bosupi jwa maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago." 20 Monna are, "Moruti dilo tse tsotlhe ke di obametse fa e sale kele monana". 21 Jeso amo leba mme amo rata, A mo raya are, "o tlhaela ka selo sele sengwe, o tshwanetse go rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone, o bo o di fa batlhoki, mme o tlaa nna le khumo ko legodimong. Jaanong o ka tla wa ntshala morago, 22 mme a kgobiwa marapo ke mafoko a, a tsamaya ka pelo ee botlhoko, ka o ne a na le dikhumo tse dintsi. 23 Jeso a leba mo tikologong mme a raya barutwa ba gagwe are, " go dingalo gole kae mo go ba ba humileng gore ba tsene ka bogosi jwa Modimo!". 24 Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko a gagwe. Mme Jeso a ba raya gape are, " Bana, go thata go le kae go tsena ka bogosi jwa Modimo!, 25 go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le gore mohumi a tsene ka bogosi jwa Modimo". 26 Ba ne ba maketse mo go golo, ba bo ba raana bare, "ke mang yoo ka bolokiwang?". 27 Jeso a ba leba, a ba raya are, "mo bathong ga go kgonege mme e seng mo Modimong. Ka gore mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega". 28 Petere a simolola go bua le ene, "Bona re tlogetse sengwe le sengwe mme ra go sala morogo." 29 Jeso are, "ka boammaaruri ke lo raya,ga go ope yoo tlogelang ntlo, morwa-rraagwe, kana kgaitsadie, kana mmaagwe, kana rraagwe, kana bana, kana lefatshe la gagwe ka ntlha yame le ya dikgang tse di molemo, 30 yo o tlaa sekeng a amogele go le lekgolo thata mo lefatsheng le: mantlo, le morwa-rraagwe, le kgaitsadie, Le mmaagwe, le bana, le lefatshe le dipogisego, le mo botshelong jo bo sa khutleng, botshelo jo bo sa khutleng. 31 Mme bontsi jo e leng jwa ntlha e tlaa nna ba bofelo, mme ba bofelo e tlaa nna ba ntlha." 32 Ba ne bale mo tseleng ba ya kwa Jerusalema, mme Jeso aba etelela pele. Barutwa ba ne ba hakgametse le baba ba setseng morago ba ne ba tshogile. Jaanong Jeso atseela ba ba lesome le bobedi fa thoko gape, mme a simolola go ba bolelela se se tlaa mo diragalelang ka bokhutshwane. 33 Bonang, re tlile go palamelela ko Jerusalema, mme Morwa motho o tlaa rolelwa baperesita ba bagolo le bakwadi ba molao. Ba tlaa mo atlholela leso ba bo ba mo rolela badichaba. 34 Ba tlaa mo sotlaka, ba mo kgwela mathe, ba mmetsa ba bo ba mmolaya. Mme morago ga malatsi ale mararo o tlaa tsoga. 35 Jakoba le Johane barwa Sebetia, ba tla ba mo raa bare, "Moruti re batla o re direla sengwe le sengwe se re se go kopang," 36 a ba raa are, " le batla ke le direla eng?" 37 Ba mo raya bare, "re letlelele go nna le wena mo kgalalelong, yo mongwe a le mo mojeng yo mongwe mo molemeng." 38 Mme Jeso aba fetola are, "ga le itse se le se kopang. A le ka kgona go nwa seno se ke tlaa se nwang kana go itshokela kolebetso e ke tlaa e kolobediwang?" 39 ba mo raya bare, " Ee re tlaa kgona". Jeso a ba raya are, Seno se ke tlaa se nwang le lona le tlaa senwa. Le kolobetso e ke tlaa e kolobediwang ka yone le lona le tlaa e kolobeletswa. 40 Mme gore go nna mang ka fa letsogong la moja kana ka fa go la molema ga se nna yoo nka go neelang, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng. 41 Yare barutwa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa ka se, ba simolola go galefelela Jakobe le Johane. 42 Jeso a ba biletsa ko go ene are, "Le itse gore ba ba lemogiwang ele babusi ba badichaba ba ba feta ka nonofo, le batho ba bone ba ba mosola ba digaratsa taolo mo go bone. 43 Ga go a tshwanela go nna jalo mo go lona. Ope yo o batlang go nna mogolo o tshwanetse a nna motlhanka pele, 44 le ope yoo batlang go nna wa pele mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe. 45 Gonne morwa motho ga a atla go tla go direlwa, mme go direla, go neela botshelo jwa gagwe go duelela ba bantsi. 46 Ba tla mo Jeriko. Jaaka a tswa mo Jeriko le barutwa ba gagwe, le matshwititshwiti, morwa Timaeose,Baratimaeose, mokopi wa sefofu, a bo a ntse fa thoko ga tsela. 47 Yare a utlwa gore ke Jeso wa mo Nnasaretha, a simolola go goeletsa are, " Jeso ,morwa Tafita, nkutlwela botlhoko! 48 Bontsi jwa kgelemela monna wa sefofu, ba mo raa ba re a didimale. Mme a goeletsa le go feta, " Morwa Tafita nkutlwela botlhoko!" 49 Jeso a ema,a laola gore a bidiwe. Ba bitsa monna wa sefofu, bare, "nna pelokgale! emelela! wa go bitsa". 50 A latlha jase ya gagwe, a tsapoga, a tla ko go Jeso. 51 Jeso a mo araba a re, "o batla ke go direla eng"? Monna wa sefofu are, "Morena, ke batla go amogela pono ya me". 52 Mme Jeso a mo raya a re, "tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse. " Ka bonako a kgona go bona gape, mme a mo sala morago mo tseleng.
Chapter 11
1 Jaanong fa ba goroga mo Jerusalema, ba bo ba le gaufi le Bethephage le Bethane ko thabeng ya letlhware, mme morena Jeso a roma barutwa ba gagwe ba babedi, 2 a ba raya a re,"tsenang mo motseng o o lebaganyeng le rona. Fela fa le tsena, le tla fitlhela tonkana e e iseng e pagangwe ke ope. Le e funolole le e tsise kwa go nna. 3 Mme fa mongwe a le raya a re,"le direlang jalo," le re 'Morena o a e, tlhoka o tlaa e busa ka bonako.' 4 Ba tsamaya, mme ba fitlhela tonkana e funeletswe mo kgorong, kwa ntle mo mmileng, ba e funolola. 5 Batho bangwe ba bo ba eme foo, mme ba ba raya ba re,"Le dirang go funolola tonkana?" 6 Ba bua le bone jaaka morena Jeso a ba boleletse, mme batho ba ba lesa gore ba tsee tsela ya bone. 7 Barutwa ba babedi ba tsisa tonkana kwa go Jeso, mme ba latlhela dijase tsa bone mo go yone gore morena Jeso a tle a e pagame. 8 Batho ba bantsi ba tsharabolola diaparo tsa bone mo tseleng, mme ba bangwe ba baya dikala tse ba di kgetlileng mo masimong. 9 Ba ba mo eteletseng pele, le ba ba mo setseng morago ba goa ba re, "Hosana! Go sego yo o tlang ka leina la morena. 10 Go sego bogosi yo bo tlang jwa ga Dafita rraetsho! Hosana mo magodimodimong!" 11 Foo Jeso a tsena mo Jerusalema, a ya ko tempeleng, a lebelela sengwe le sengwe. Jalo maitseboa, a tswa le ba ba lesome le bobedi a ya Bethane. 12 Letsatsi le le latelang fa ba bowa ko Bethane, a tshwarwa ke tlala. 13 Ya re go bona setlhare sa mofeige se na le matlhare a matala a sa le kgakala, a ya go bona gore a o ka fitlhela sengwe mo go sone. Mme fa a tsena kwa go sone, a seka a fitlhela sepe, fa ese matlhare fela, ka e ne e se paka ya mafeige. 14 A bua naso, "Ga gona ope yo o tla a tlholang a aja leungo mo go wena gape." Mme barutwa ba gagwe ba utlwa se. 15 Ba tla mo Jerusalema, a tsena mo tempeleng, a simolola go kobela bareki le barekisi kwa ntle. A pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi. 16 A seka a letlelela ope go tsena ka sengwe se se ka rekisiwang mo tempeleng. 17 A ba ruta a re,"A ga go a kwalwa gore,'Ntlo ya me e tlaa bidiwa ya thapelo ya merafe yotlhe'?Mme le e dirile legaga la dirukutlhi." 18 Baperesiti ba bagolo le bakwadi ba utlwa se a se buileng , mme ba senka leano a go mmolaya. Gonne ba ne ba mo tshaba ka batho botlhe ba ne ba gakgamadiwa ke dithuto tsa gagwe. 19 Mme e ne ere maitseboa ba bo ba tswa mo toropong. 20 Yare ba feta foo mo mosong, ba bona setlhare sa mofeige se omeletse go tsena ko meding. 21 Petere a gakologelwa, a re "Rabi bona! Setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse." 22 Jeso a ba araba, Nnang le tumelo mo Modimong. 23 Ka nnete ke le raya ke re le fa ele mang yo o rayang thaba e a re, 'Nanoga o itatlhele mo lewatleng,' fa a sa belaele mo pelong ya gagwe mme a dumela gore se a se kopang se tla a diragala, ke se Modimo o tla a dirang. 24 Jalo he ke le raya ke re:Sengwe le sengwe se le rapelang le se kopa, le dumele gore le se amogetse, mme e tlanna sa lona. 25 Fa le ema le rapela,le tshwanetse go itshwarela sengwe le sengwe se le se tshwereng kgatlhanong le mongwe fela, gore rraetsho yo o kwa legodimong a le itshwarele melato. 26 Mme fa le sa itshwarele le rraetsho yo o kwa legodimg ga a kitla ale itshwarela. 27 Ba tla mo Jerusalema gape, Yare Jeso a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo, bakwadi le bagolwane ba tla kwa go ene. 28 Ba mo raya ba re "O dira dilo tse o di dirang ka taolo ya ga mang? Le gone ke mang yo o go laoletseng go di dira?" 29 Jeso a ba raya a re," Ke tla a le botsa potso e le nngwe.Mpolelelang mme ke tla a le bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo ya ga mang. 30 A kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa modimong ka na mo bathong?Nkarabeng." 31 Ba buisanya, ba ganetsanya mme ba re,"Fa re ka re, 'kwa legodimong' o tla a re, jaanong ke eng le ne le sa mo dumele? 32 Mme fa re re' mo bathong,'...Ba tshaba batho ka gore botlhe ba ne ba dumela gore Johane ke moporofiti. 33 Foo ba araba Jeso ba re," Ga re itse." Jeso a ba raya a re, "Le nna ga ke le bolelele gore ke dira dilo tse ka tse ka taolo ya ga mang."
Chapter 12
1 Mme Jeso a simolola go ba ruta ka ditshwantsho a re, "Monnna o ne a lema tshingwana a bo a e agelela, a epa seboana se go gamolelwang mofine mo go sone. A aga ntlo ya badisa dikago, a firisetsa balemi ba mofeige. A tsaya loeto. 2 E ne ya re fa nako e fitlha a roma barongwa kwa baleming ba mofeige, go ya go tsaya maungo a a tswang mo tshingwaneng, 3 mme ba mo tshwara ba mmetsa ba mmusetsa morago a sa tshola sepe. 4 O ne a ba romelelela mothanka yo mongwe gape, ba mo utlusa botlhoko mo tlhogong ba mo tshola ka mo go tlhabisang ditlhong. 5 A roma yo mongwe mme ba mmolaya. Ba ne ba dira se se tshwanang mo go ba ba latelang, bangwe ba ba betsa fa ba bangwe ba ba bolaya. 6 O ne a na le motho a le mongwe go mo roma, morwa yo o rategang. Ke ene wa bofelo go mo roma kwa go bone. A re, "Ba tla tlotla morwaake". 7 Bahirisi ba ne baraana ba re, "Yo ke moja boswa, tla a re mmolayeng, boswa e tla nna jwa rona". 8 Ba mo tshwara ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshingwana ya mafeige. 9 Jaanong mong wa tshingwana ya mafeige o ka dira eng ? O tla atla go senyaka balemi, a neele ba bangwe tshingwana. 10 Aa ga lo ise le bale lekwalo le? Lentswe le baagi ba le ganneng le dirilwe pinagare. 11 Se se ne se tswa kwa Moreneng, mme go a kgatlhisa mo matlhong a rona. 12 Ba ne ba batla go tshwara Jeso, mme ba boifa bontsi jwa batho, ka ba ne ba itse fa a buile setshwantsho se kgatlhanong le bone. Ba mo tlogela, mme a tsamaya. 13 Mme ba roma bangwe ba Bafarasai le ba ga Herote go mo tshwara ka mafoko. 14 Ga ba goroga ba mo raya ba re, "Moruti", re a itse gore ga o kgathale ka mogopolo wa ga ope ebile ga o tseye letlhakori lepe, o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. Aa go ka fa molaong go duela Kaisara lekgetlho kana jang? Aa re duela kana jang? 15 Jeso a itse boitimokanyi jwa bone, a ba raya a re, "Ke eng le nteka? Tsisang kwano ledi ke tle ke le lebelele". 16 Ba le tsisa kwa go Jeso. A ba raya a re, "Setshwantsho se ke le mokwalo o, ke wa ga mang?" Ba re, "Sa ga Kaisara" 17 Jeso a re, "Neelang Kaisara se e leng sa ga Kaisara, Modimo dilo tse e leng tsa Modimo." Ba mo hakgamalela. 18 Basadukae ba ba reng ga gona tshogo, ba tla kwa go ene. Ba mo raya ba re, 19 "Moruti, Moshe o re kwaletse a re fa monna a tlhokafalelwa ke morwa rraagagwe, a tlogela mosadi a sena ngwana, monna yo o tshwanetse a tsaya mosadi wa ga morwa rraagwe a tsalele monnawe bana. 20 Ga bo go le barwa ba le supa, wa ntlha a nyala mosadi mme a tlhokafala, a sa tlhogele ngwana. 21 Wa bobedi a tsaya mosadi yoo, a tlhokafala le ene a sa tlhogele bana. Wa boraro le ene a dira jalo 22 le wa bosupa a seka a tlhogela bana. Sa bofelo mosadi a tlhokafala. 23 Ga ba tsoga botlhe ka nako ya tsogo, mosadi e tla nna wa ga mang? Ka gore o ne a le mosadi wa barwa ba ba supa ba botlhe. 24 Jeso a re, "A ga se lone lebaka la gore le bo le fositse, ka gore ga le itse dikwalo le fa e le go tlhaloganya matla a Modimo? 25 Gonne fa ba tsoga mo baswing, ga ba na go nyalana, kana ba nyadisiwa, ba tla nna jaaka baengele ko legodimong. 26 Ka ga baswi ba ba tsosiwang, a ga lo a bala mo bukeng ya ga Moshe, ka ga setlhatshana, ka fa Modimo a buileng le ene a re, 'Ke Modimo wa ga Aborehama, ke Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe. 27 Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshidi. Le phoso. 28 Mongwe wa bakwadi a tla, a utlwa puisano ya bone, a bona gore Jeso o ba arabile sentle. A mmotsa, "Ke efe taolo e botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe?" 29 Jeso a araba, "E e botlhokwa thata ke gore, "Utlwang Iseraele; Morena Modimo wa rona, Morena o mongwefela. 30 O tshwanetse wa rata Morena Modiwo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, le ka mowa wa gago otlhe, ka tlhaloganyo ya gago yotlhe, le ka nonofo ya gago yotlhe. 31 Taolo ya bobedi ke e, 'O rate moagisanyi wa gago jaaka o ithata, ga gona taolo e kgolo gona le e. 32 Mokwadi a re, "Moruti yo molemo, o buile sentle fa o re Modimo o mongwefela, ga gona yo mongwe kwa ntle ga gagwe. 33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo le ka nonofo, le go rata moagisanyi wa gago jaaka o ithata, go feta setlhabelo se se tshubiwang le ditlhabelo tse dingwe. 34 Fa Jeso a bona a arabile ka botlhale, a mo raya a re, "Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo. Morago ga moo, ga bo go sena yo o pelokgale jwa go botsa Jeso dipotso. 35 Mme Jeso a fetola, fa a ruta mo tempeleng a re, "Ke eng bakwadi ba re Keresete ke morwa Tafita? 36 Fa Tafita a le mo Moweng o Boitshepo, o ne a re, "Morena o reile Morena wame a re, nna ka fa letsogong la me la moja go fithlela ke dira baba ba gago bodulo jwa dinao tsa gago. 37 Tafita ka bo ene o mmitsa "Morena", Mesia o ka nna morwa Tafita jang? Bontsi jwa batho ba mo reetsa ka boitumelo. 38 Mo dithutong tsa gagwe Jeso o ne a re, "Elang tlhoko bakwadi ba ba eletsang go tsamaya ba apere dilwana tse di telele le go dumedisiwa mo marekisetsong 39 le go nna mo ditilong tsa segosi mo sinagogeng le mo mannong a segosi mo meletlong. 40 Ba utswa matlo a baswagadi, ba rapele ditlhapelo tse ditelele go bonwa ke batho.Batho ba ba tla amogela katlholo e kgolo". 41 Jeso a nna fa selwaneng sa moneelo mo tempeleng a bo a lebeletse batho jaaka ba latlhela madi a bone mo selwaneng. Bontsi jwa batho ba bahumi ba tsenya madi a mantsi. 42 Ga tla motlholagadi wa mohumanegi a tsenya thebe tse bedi. 43 A bitsa barutwa ba gagwe a ba raya a re, "Ke le bolelelela boammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o neetse go feta botlhe ba ba neetseng mo sejaneng sa moneelo. 44 Gonne botlhe ba neetse go tswa mo lehumong la bone; mme motlholagadi yo go tsweng mo lehumeng la gagwe o neetse madi otlhe a gagwe a ka tshelang ka one.
Chapter 13
1 Fa Jeso a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re, "Bona matlapa a mantle le dikago tse dintle tse!" 2 A mo raya a re, "A o bona dikago tse dikgolo tse?" Ga gona letlapa lepe le le tla a tlogelwang mo godimo ga le lengwe le le tla sekeng le digwe". 3 A nna fa fatshe go lebagana le tempele mo thabeng ya letlhware, Petere, Jakoba, Johane le Anterea ba mmotsa mo sephiring, 4 "Re bolelele, dilo tse di tla a dirafala leng", Sesupo e tla nna eng fa dilo tse di le gaufi le go dirafala?" 5 Jeso a simolola a ba raya a re, "Elang tlhoko gore ope a se le timetse, 6 ba le bantsi ba tla a tla ka leina la me, ba re, re ene, mme ba tla timetsa ba le bantsi. 7 Fa le utlwa ka ga dintwa le medumo ya dintwa, le seka la tshwenyega. Dilo tse di tla a diragala mme bokhutlo bo bo boise bo tle. 8 Gonne morafe o tla tsogologela morafe yo mongwe, le bogosi bo tla tsogologela bogosi jo bongwe. Go tla nna thoromo ya lefatshe, le tlala mo mafelong a le mantsi. Se ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi. 9 Elang tlhoko, ba tla a le sekisa ba bo ba le kgwathisa mo disinagogeng. Le tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha yame, se e tla nna bopaki mo go bone. 10 Mme mafoko a a molemo a tshwanetse go rerelwa merafe yotlhe pele. 11 Fa ba le tshwara ba le isa, le seka la tshwenyega gore le tla a reng. Gonne ka nako eo, le tla neelwa mafoko a le tla a buang. E tla a bo e se wena yo o buang, go tla a bua mowa o o boitshepo. 12 Morwa o tla isa morwa rragwe go bolawa, le rrangwana ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bone mme ba ba ise go ya go bolawa. 13 Le tla ilwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go ya bokhutlong o tla bolokwa. 14 Fa le bona makgapha a leswafatswang a eme fa a sa tshwanelang teng (a mmadi a tlhaloganye), a ba ba mo Jutia ba tshabele kwa dithabeng. 15 A yo o kwa godimo ga ntlo a seka a fologela tlase go tsena mo ntlong kgotsa go ya go tsaya sengwe. 16 A le yo o kwa nageng a seka a boa go ya go tsaya kojwana. 17 Mme go latlhegile ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao. 18 Rapelang gore go seka ga dirafala mariga. 19 Gonne go tla nna pogisego e kgolo e e iseng e nne mo tshimologong, fa Modimo a tlhola lefatshe, nnyaa, le gone ga e kitla e nna morago ga moo. 20 Fa Morena a ne a sa khutshwafatsa matsatsi ao, ga gona motho ope yo o neng a ka bolokwa, ka ntlha ya ba a ba ikgetlhetsweng o khutswafaditse malatsi. 21 Mme fa motho mogwe a go raya a re, "Bona, Keresete ke yo, kgotsa ke yole, o se dumele. 22 Gonne bo-keresete le baporofiti ba maaka ba tla a tla, ba dire ditshupo tse dikgolo, gore fa go kgonega, batsietse le bone ba ba ikgethetsweng tota. 23 Disang, gonne ke le boleletse dilo tse pele ga nako. 24 Mme morago ga dipogisego tsa matsatsi ao, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga a na a ntsha lesedi la one, 25 dinaledi di tla wela fa fatshe, le dinonofo tsotlhe tsa legodimo di tla reketla. 26 Mme ba tla bona morwa motho atla mo marung, le maatla le kgalalelo e kgolo. 27 Mme o tla a roma baengele ba gagwe go phutha botlhe ba a ba ikgethetseng go tswa mo phefong tse nne, go tswa bokhutlong jwa lefatshe go ya bokhutlong jwa lewapi. 28 Ithuteng ka setlhare sa mofeige. Fa dikala di nna ditala, le matlhare a kukunya,le itse gore selemo se gaufi. 29 Jalo he, fa le bona dilo tse di diragala le itse gore o gaufi, o fa kgorong. 30 Ke le bolelela boammaruri gore, kokomane e ga e kitla e feta pele ga dilo tse tsotlhe di diragala. 31 Legodimo le lefatshe di tla a feta, mme lefoko lame ga le kitla le feta. 32 Mme fa e le ka nako le fa e le letsatsi ga go ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimomg, kgotsa morwa, fa e se Rara fela. 33 Elang tlhoko, disang mme le rapeleng, gonne ga lo itse nako. 34 Go tshwana le monna yo o tsayang leeto, a tswa mo ntlong a e tlogele mo tlhokomelong ya batlhanka ba gagwe mme mongwe le mongwe wa bone a dire tiro ya gagwe. Mme a laele motlhokomedi go re a seka a robala. 35 Ke gone disang, gonne ga lo itse nako e mong wa ntlo a tla a bowang ka yone. Gore a o tla a tla mo maitseboeng, bosigo gare, kgotsa fa mokoko o lela, kgotsa mo mosong. 36 Fa a ka tla ka bonako, a a se go fitlhele o robetse. 37 Se ke se lo rayang, ke se raya batho botlhe. Disang.
Chapter 14
1 Ene ele malatsi a mabedi pele ga paseka le moletlo wa senkgwe sese sa bedisiwang. Baperesiti bagolo le bakwadi ba molao bane ba sekaseka ka bokukuntshwane gore ba ka tshwara Jeso jang go mmolaya. 2 Gonne ba ne ba re "e seng ka tsatsi la moletlo, batho ba tloga ba tsosa mokubukubu" 3 Erile Jeso ale ko Bethane mo ntlong yaga Simone wa molepero, fa a sekame fa tafoleng, mosadi mongwe a tla kwa go ene a tshotse lebotlele la alebasetara le na le senkgisa monate sa nate sese tlwatlwa kgolo, a thuba lebotlele a se tshela mo tlhogong ya gagwe. 4 Mme ga bo go na le bangwe ba ba neng ba tenega, ba bua ka bobone ba re "tshenyo e ke ya eng". 5 Senkgisa monate se se ka bo se rekisitswe ka selefera tse di makgolo a mararo mme ga abelwa bahumanegi", jalo ba mo kgalemela. 6 Jeso a re "Mo tlogeleng, lemo tswenyetsa eng?" O ntiretse selo se se molemo. 7 Le nna fela le na le bahumanegi, le ka ba direla molemo nako nngwe le nngwe fa le batla, mme ga le e go nnela ruri le nna. 8 O dirile se a se kgonang: o tloleditse mmele wa me phitlho. 9 Ka boammaruri ke a le bolelela, gongwe le gongwe kwa mafoko a bogosi jwa Modimo a rerwang teng, se mosadi yo ase dirileng se tla a buiwa go mo gopola." 10 Jalo Jutase wa Sekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a tswa a ya ko baperesiti bagolo gore a tle a mo neele mo diatleng tsa bone. 11 Fa baperesiti bagolo ba utlwa se, ba itumela ba mo solofetsa go mo fa madi. A simolola go batla tsela ya go mo neela mo diatleng tsa bone. 12 Ka letsatsi la ntlha la moletlo wa senkgwe sese sa bedisiwang, ba sena go ntsha kwana ya setlhabelo sa tlolagano, barutwa ba gagwe bamo raya bare " o batla reya kae gogo baakanyetsa gore otle oje dijo tsa tlolaganyo?". 13 A roma barutwa ba gagwe ba babedi are, " tsamayang le tsene mo toropong, monna oo tshotseng kgamelo e tletse metsi otla kopana le lona, mosaleng morago. 14 Fa a tsena mo ntlong, mosaleng morago le reye mong wa ntlo lere, 'moruti are "kamore ya baeng e kae eke tla jelang paseka le barutwa ba me teng?" 15 O tla a le bontsha kamore e e kwa godimo e e phuthologileng siameng e na le sengwe le sengwe.Re baakanyetseng mo go yone. 16 Barutwa ba tsamaya ba tsena mo toropong. Ba fitlhela sengwe le sengwe jaaka ba laetswe, ba baakanyetsa tlolaganyo. 17 Mo maitseboweng, a tla le barutwa baba lesome le bobedi. 18 Fa ba sekame mo tafoleng ba aja, Jeso a re " ka boammaruri ke a le bolelela, mongwe wa lona yo o jang le nna o tla a ntsietsa". 19 Ba utlwa botlhoko mme ka bongwe ka bongwe ba re "e seng nna?". 20 Jeso a araba a re ke mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi, yoo jang borotho le nna gone jaana mo mogopong". 21 Gonne morwa motho o tla tsamaya fela jaaka dikwalo di bua ka ga ga gagwe. Mme go latlhegile jang ene yo o tla rekisang morwa motho, go ka bo go le botoka mo go ene fa a ka bo a sa tsalwa. 22 Fa ba ntse ba aja, Jeso a tsaa senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya, a se ba naya a re "tsayang se, ke mmele wame". 23 A tsaya senwelo a se segofatsa a se ba neela, botlhe ba se hupalelana. 24 A ba raya a re "Sena ke kgolagano ya madi a me, madi a a tsololetsweng ba le bantsi" 25 Ka boammaruri ke a lo raya "ga nkitla ke e nwa leungo la mofine, go fitlhela nako e ke tla e nwang sesha mo bogosing jwa Modimo" 26 Gaba sena go opela sehela, ba ya thabeng ya di olefe. 27 Jeso a ba raya a re "Lona lotlhe le tla phatlalala ka ntata yame, gonne go kwadilwe, "ke tla itaa modisa, mme dinku di tla phatlalala" 28 Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tlaa le etelela pele go ya Galalea. 29 Peter a mo ra ya a re "Le fa botlhe ba ka phatlalala, e seng nna" 30 Jeso amo ra ya are "ka boammaruri ke a go raya, bosigo jo, fa mokoko o ise o lele gabedi, o tlaa bo o setse o intatotse gararo". 31 Petere a re "le fa ke ka swa nao, ga ke na go go itatola". Botlhe ba solofetsa jalo. 32 Ba tla mo lefelong le le bidiwang Gethesemane, mme Jeso a raya barutwa ba gagwe a re "nnang fa ke santse ke rapela". 33 A tsaya Petere, Jakobe le Johane mme a simolola go tlala ka bohutsana le kutlobotloko. 34 A ba raya a re "mowa wame o tletse kutlobotlhoko thata, le goya ya lesong, salang fa le lebeletse." 35 Jeso a tsamaela ko kgakajana, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go kgonega, oura e e mo fete. 36 A re "Rara,dilo tsotlhe dia kgonega mogo wena, tlosa senwelo se mo go nna, mme e seng go rata game mme e leng ga gago". 37 Fa a boa a fitlhela ba thulametse, a raya Petere are "Simone a o robetse, o ne osa kgone go lebelela oura e le nngwe?" 38 Lebelela o rapele gore o seka wa tsena mo thaelong. Ele ruri mowa oa eletsa mme nama e bokowa." 39 A boa gape goya go rapela, a dirisa mafoko aa tshwanang. 40 A boa gape a ba fitlhela ba thulametse, gonne matlho a bone a ne a tletse boroko mme ba sa itse gore ba ka mo raya ba reng. 41 A tla la boraro a ba raya a re "A le sa ntse lerobetse le itapolositse? Go lekane, nako e gorogile. Bonang, Morwa motho o rekisetswa baleofi. 42 Tsogang, are tsamayeng, bonang ene yo o nthekisang o gaufi. 43 Fa a santse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi a goroga, mme bontsi jwa batho bo ne bo na le ene ba tshotse ditshaka le melamu, go simolola ka baperesita bagolo, bakwadi ba molao le bagolwane. 44 Jaanong yo o ne a mo rekisa, a ba fa sekao a re, "Yo ke tla a mo sunang ke ene, lemo tshware, mo tseeng le mo katile ". 45 Yare fa Jutase a goroga, a tlhamalelela kwa go Jeso a re "Rabi", amo suna. 46 Bamo tshwara. 47 Mme mongwe wa ba ba neng ba le gaufi a ntsha tshaka, a kgaola tsebe ya mongwe wa batlhanka ba moperesita mogolo. 48 Jeso a ba raya a re, "A le tla le mpolletse ka ditshaka le melamu jaaka e kare le ya go tshwara serukutlhi? ka ditshaka le melamu?". 49 Fa ke ne ke na le lona tsatsi le letsatsi ke ruta mo tempeleng ga le a ntshwara" Mme sena se ne se diragala gore dikwalo di rurifadiwe. 50 Mme botlhe ba ba neng ba na le Jeso ba mo tlogela ba sia. 51 Mokawana mongwe oo neng a ithathile ka letsela hela amo sala morago; ba mo tshwara, 52 mme a tlogela seaparo sa letsela fo o a sia a sa apara sepe. 53 Ba isa Jeso ko moperesiting mogolo. Baperesiti bagolo, bagolwane le bakwadi ba molao bamo kgobokanela botlhe. 54 Jaanong Petere a ba sala morago sekgelenyana go fitlhela ko kagong ya moperesiti mogolo. A feta a nna magareng ga masole aa neng a ora molelo. 55 Jaanong baperesita bagolo le lekoko lotlhe la Bajuta ba ne ba batla bosupi kgatlhanong le Jeso gore ba tle ba mmolae. Mme ba seka ba bo bona. 56 Gonne ba le bantsi ba ne ba tlisa bosupi jwa maaka kgatlhanong le ene mme le bosupi jwa bone tota bone bosa dumalane. 57 Ba bangwe ba ema ka dinao ba tlisa bosupi jwa maaka kgatlhanong le ene ba re, 58 "Re mo utlule a re, ke tla senya tempele e ,e e agilweng ka diatla mme mo malatsing a mararo ke tla aga e nngwe ee sa agiwang ka diatla." 59 Mme le bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane. 60 Moperesita mogolo a ema ka dinao magareng ga bone a botsa Jeso a re, "A ga o na karabo? Ke eng se banna ba ba se buang ka ga gago?" 61 Mme a didimalela a se ka a bua sepe. Moperesita mogolo a boa a mmotsa gape a re, "A o Keresete? Morwa wa yo o segofetseng?" 62 Jeso a re, "Ke nna, le gone otla bona morwa motho a ntse ka fa letsogong la moja la nonofo abo a tla ka maru a legodimo." 63 Moperesita mogolo a ikgagolaka diaparo a re, "A re santse re tlhoka basupi? 64 Le utlulwe matlhapa kgatlhanong le leina la Modimo. Tshwetso ya lona ke eng?" Mme botlhe ba mmaa molato gore o tshwanetswe ke leso. 65 Ba bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhego mme ba mo itaa ba mo raya ba re, "Porofita!". Masole amo tsaa a mmetsa. 66 Fa Petere a ntse ale kwa tlase mo kagong ya kgotlatshekelo, mosetsana mongwe wa lelata la moperesita mogolo a tla kwa go ene. 67 A bona Petere a ora molelo, mme a mo lebelela thata. A mo raya a re, "Le wena o ne o na le Jeso wa moNaseretha". 68 A itatola a re, "ga ke tlhaloganye gape ga ke itse gore o bua kaga eng" A bo a tswa a tsena mo kagong ya kgotlatshekelo. Foo mokoko wa lela. 69 Mosetsanyana wa lelata a mmona, a simolola go bua gape le ba ba neng ba le foo a re " Monna yo ke mongwe, wa bone!" 70 Mme a itatola gape. Morago ga sebakanyana, ba ba neng ba le foo ba raa Petere ba re, "E le ruri o mongwe wa bone, gonne le wena omo Galalea." 71 A simolola go hutsa le go ikana a re, "Ga ke itse monna yo le buang ka ga ene yo". 72 Ka ponyo ya leitlho mokoko wa lela la bobedi. Foo Petere a gakologelwa mafoko a Jeso a a mmoleletseng: "pele ga mokoko o lela ga bedi, o tla a intatola ga raro". A thubega ka selelo.
Chapter 15
1 Mo mosong, baperesita ba bagolo bokopana le bagolwane, le bakwadi le lekgotla la bajuta. Jaanong ba bofa Jeso ba tsamaya nae. Ba mo neela Pilato, 2 Pilato a mmotsa a re, "A ke wena kgosi ya Bajuta"? a araba a re, "Wa rialo". 3 Baperesita ba bagolo ba ne ba kaya melato e mentsi kgatllhanong le Jeso. 4 Pilato a mmotsa gape a re, "A ga o na karabo? Bona gore ba go bona melato e metsi jang !" 5 Mme Jeso a seka a tlhola a araba Pilato, mme se sa mo gakgamatsa. 6 Jaanong ka nako ya moletlo Pilato o ne a etle a ba gololele legolegwa le le lengwe,legolegwa le ba le kopileng. 7 Mo kgolegelong le digogela thoko, mo babolaing ba ba tshwaretsweng karolo ya bone mo bogogelathokong, ga bo gole monna a bidiwa Barabase. 8 Matshwititshwiti ba tla ko go Pilato ba simolola go mo kopa go ba direla jaaka a dirile pele. 9 Pilato a ba araba a re, "A le batla ke le gololela kgosi ya Bajuta?" 10 Ka gore o ne a itse gore ke ka ntlha ya lehuha gore Moperisita yo mogolo a bo a mo roletse Jeso. 11 Mme moperesita yo mogolo a rotloetsa batho go goeletsa gore go gololwe Barabase. 12 Pilato a ba araba gape are," Jaanong ke dire eng ka kgosi ja Bajuta?" 13 Ba goa gape bare, " Mmapole!" 14 Pilato a ba raya a re, "o dirile molato ofe?" Ba goeletsa le go feta ba re, "Mmapole" 15 Pilato one a batla go kgotsofatsa bontsi , jalo a ba gololela Barabase. A kgwathisa Jeso mme a ba mo neela go ya go bapolwa. 16 Masole ba mo isa kwa kgotleng ya sesole, ba bitsa ga mmogo masole otlhe. 17 Ba apesa Jeso seaparo sese bohibidu jwa segosi, mme ba loga korone ya mitlwa, ba e mo rwesa. 18 Ba simolola go dumedisa ka go ikoba bare, " Busa, Kgosi ya Bajuta!" 19 Ba mmetsa mo tlhogong ka letlhaka ba bo ba mo kgwela mathe. Ba oba mangole fa pele ga gagwe go mo tlotla. 20 Fa ba sena go mo sotla, Ba mo apola seaparo se sehibidu jwa mmala wa segosi, ba mo apesa diaparo tsa gagwe mme ba mo isa go ya go mmapola. 21 Ba pateletsa mofiti ka tsela go thusa, yo o neng a tla a tswa mo lefatsheng lengwe, monna yoo neng a bidiwa Simone wa Sirane (Rraagwe Alekesentere le Rufase); ba mo pateletsa go rwala sefapaano sa ga Jeso. 22 Masole a isa Jeso ko lefelong le le bidiwang Gologota (go raya, "lefelo la legata"). 23 Ba mo neela mofine o tlhakantswe le molemo, mme a seka a o nwa. 24 Ba mmapola, ba kgaoganya diaparo tsa gagwe, ba dira khupelehupele go bona se lesole lengwe le lengwe le tlaa se tsayang. 25 E ne ele ka oura ya boraro fa ba mmapola. 26 Ba baya mokwalo wa go supa molato o ba o mmoneng o re, "Kgosi ya bajuta." 27 Ba bapola magodu a mabedi le ene,yo mongwe ka fa mojeng yo mongwe ka fa molemeng. 28 Mme dikwalo tsa rurifadiwa tse di reng one a balelwa le baleofi. 29 Ba ba neng ba feta ba mo roga, ba tshikhinya ditlhogo ba re, "ahaaa! Wena yo o kgonang go senya tempele o bo o e aga mo malatsing a mararo, 30 ikgolole obo o fologa sefapaano!. 31 Ka tsela ee tshwanang baperisita bagolo ba mo sotla ga mmogo le bakwadi ba molao ba re, "O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka. 32 Letlang Keresete,kgosi ya Isiraele, a fologe mo sefapaanong, gore re bone re tle re dumele". Le ba ba neng ba bapotswe le ene le bone ba mo sotla. 33 Ka oura ya borataro, lefifi la tla mo lefatsheng lotlhe go fitlhela diura dile borobabongwe. 34 Ka oura ya borobabongwe Jeso a lela ka lentswe le le ko godimo, "Eloi, Eloi, lama sabakathani?" Mo go ranolwang gotwe, "Modimo wa me, Modimo wame, o ntlogeletse eng?" 35 Bangwe ba ba ba neng ba eme foo ba utlwa mme ba re, "Bona, o bitsa Elija." 36 Mongwe a taboga, a tshela mofine o o botlhoko mo sekateng, a se tsenya mo thobaneng ya letlhaka, a bo a mo neela gore a nwe. Monna a re, " A re boneng gore a Elija o etla go mo folosa?" 37 Jalo Jeso a lela ka lentswe lele kwa godimo mme a swa. 38 Sesiro sa tempele sa kgagoga ka bogare go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. 39 E rile fa moeteledipele wa sesole yo o neng a eme a lebagane le Jeso a bona gore o sule ka tsela e e ntseng jaana , a re, " Ruri yo ke morwa Modimo". 40 Gape ga bo gole basadi ba ba neng ba lebile ba le kgakajana. Mo go bone go le Maria Magatalena, Maria (mmaagwe Jakobe le Josese), le Salome. 41 Fa a ne a le ko Galalea ba ne ba mo sala morago ba mo direla. Basadi ka bontsi le bone bane ba tlile le ene mo Jerusalem. 42 Fa maitseboa a tla, ka gore e ne e le Letsatsi la Paakanyo,ke gore, letsatsi pele ga Sabata, 43 Josefa wa Arimatia a tla foo. E ne e le leleko lele tlotlegang la lekgotla, yo o neng a letetse bogosi jwa Modimo. A ya ko go Pileto ka bogaka, a kopa mmele wa ga Jeso. 44 Pilato a gakgamalela gore Jeso setse a sule; a bitsa mogolwane wa sesole go mmotsa gore a Jeso o sule. 45 Fa a sena go utlwa ka mogolwane wa sesole gore o sule, a neela Josefa mmele wa gagwe. 46 Josefa o ne a rekile letsela. A mo folosa mo sefapaanong, a mo phutha ka letsela, a mmaya mo pupung e e neng e gabilwe mo letlapeng. Jaanong a pitikololela letlapa go tswala kgoro ya pupu. 47 Maria Magatalena le Marea mmaagwe Josese ba bona lefelo le Jeso a fitlhilweng mo go lone.
Chapter 16
1 Fa letsatsi la Sabata le sena go feta, Marea Magatalena, Marea mmagwe Jakoba, le Salome, ba reka dinkgisa monate, gore ba ye go tshasa mmele wa ga Jeso. 2 Ya re mo mosong wa letsatsi la ntlha la beke, ba ya kwa pupung fa letsatsi le tlhaba. 3 Ba raana ba re, "Ke mang yo o tla re pitikelang letlapa a le ntsha mo kgorong ya pupu?" 4 Fa ba tsosa matlho, ba bona gore letlapa le sutisitswe ka gore e ne e le letlapa le le golo. 5 Ba tsena mo pupung, mme ba bona mokawana yo o apereng diaparo tse ditshweu, a ntse fa thoko, mme ba hakgamala thata. 6 Mme a ba raya a re, "Se boifeng, le batla Jeso wa Nnasaretha, yo o neng a bapotswe? O tsogile, ga a yo fa, bonang fa ba neng ba mmeile teng. 7 Tsamayang le bolelele barutwa ba gagwe le Petere gore, o le eteletse pele go ya Galalea. Mme ba tla a mmona koo jaaka a le boleleltse. 8 Ba ne ba tswa mo pupung, ba sia ba tshogile ebile ba gamaregile. Ba seka ba bolelela ope ka ntlha ya letshogo. 9 E rile mo mosong wa letsatsi la ntlha la beke, fa a sena go tsoga, a iponatsa pele kwa go Marea Magatalena yo o neng go kobilwe matimona a le supa mo go ene. 10 Mme a tsamaya a ya go bolelela botlhe ba ba neng ba na nae,ba santse ba utlwile botlhoko ba lela. 11 Ba ne ba utlwile gore o tsogile, e bile o mmonye, mme ba sa dumele. 12 Morago ga mo, o ne a iponafatsa ka ponalo e nngwe mo go bangwe ba bone ba babedi, ba ba neng ba tsamaya mo nageng. 13 Mme ba ya go bolelela barutwa ba bangwe, ba seka ba ba dumela. 14 Morago Jeso a iponatsha mo go ba ba lesome le motso ba le mo tafoleng, mme a ba kgalemelela go tlhoka tumelo le bo peloethata ga bone, ka gore ga ba ka ba dumela ba ba mmoneng morago ga go tsoga mo baswing. 15 A ba raya a re, "Yang le lefatshe lotlhe le rerele lebopo lotlhe mafoko a molemo, 16 yo o dumelang, a bo a kolobediwa o tla bolokwa, yo o sa dumeleng o tla atlholwa. 17 Ditshupo tse di tla tsamayang le ba ba dumelang: ba tla lelekela ntle matimona ka leina la me. Ba tla a bua ka diteme tse disha. 18 Ba tla tsaya dinoga ka diatla tsa bone, mme fa ba a nwa sepe se se bolayang ga se kitla se ba utlusa botlhoko ka gope. Ba tla a baya balwetse diatla mme ba tla a fola. 19 Fa morena a sena go bua dilo tse nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong, mme a nna ka fa letsogong le legolo la Modimo. 20 Barutwa ba tsamaya ba rera gongwe-le-gongwe, Morena a dira le bone, a rurifatsa lefoko ka ditshupo tse di neng di tsamaya le bone. front