Setswana: Regular

Updated ? hours ago # views See on DCS
Kgaolo 2

Kgaolo 2

Chapter 1

16 17 18 Ipolelaneng maleo, le rapelane , gore le tle le fodisiwe. Thapelo ya mosiami e nonofile mo go bereken 4 A boitshoko bo feleletse tiro ya bone, gore letle le gole le nne botlalo, le gore le se tlhaele sepe. 5 Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bokope mo Modimong, ene yo o neelang ka pelotshweu e bile a sa galefele botlhe ba ba kopang, mme o tlaa mo neela. 6 Mme a a kope mo tumelong, a sa belaele sepe. Le fa ele mang yo o belaelang o tshwana le lekhubu mo lewatleng le le kgaramediwang ke phefo e le kgarakgatsa. 7 Gonne motho wa go nna jalo a seka a akanya gore o ka amogela sepe mo Moreneng. 8 Motho yoo o tlhaloganyo tse pedi, gaa itekanna mo di tseleng tsa gagwe tsotlhe. 9 A mokaulengwe o o humanegileng a ikgantshe ka maemo a gagwe a a ko godimo, 10 mme monna yo o humileng o ikgantsha ka maemo a gagwe a a ko tlase, ka gore o tlaa feta jaaka sethunya sa naga sele mo tlhageng. 11 Gonne letsatsi le tlhaba ka mogote oo fisang obo o omeletsa tlhaga. Sethunya sewe, le bontle ba sone bo nyelelela. Ka tsela eo, monna wa mohumi o tlaa nyelelela mo gare ga mosepele wa gagwe. 12 Go sego monna yoo itshokelang dikgwetlho. Gonne morago gago fenya teko, o tlaa amogela korone ya botshelo, ee solofeditsweng bao ba ratang Modimo. 13 A ope a seka are fa a raelesegile are, ''Ke raetswe ke Modimo'', ka gore Modimo gaa raelwe ke bosula, le ene ka boene ga a raele ope. 14 Mme motho mongwe le mongwe o raelwe ke keletso ya gagwe, e e mo gogelang kgakala abo e mo tlakisa. 15 Jalo morago ga keletso e sena go ima, e tsala boleo. Fa boleo bo sena go gola, bo tsala leso. 16 Le seka la tsiediwa, bakaulengwe bame ba ba rategang. 17 Neo nngwe le nngwe ee siameng le neo nngwe le nngwe ee tlhapileng e tswa kwa godimo. Etla ko tlase go tswa ko Rara wa masedi. Mo go ene ga gona go fetoga kana mereti ka lebaka la go dikologa. 18 Modimo o tlhophile go re tshola ka lefoko la boammaaruri, gore re tle re nne mofuta wa maungo a ntlha wa dilo tsotlhe tse a di dirileng. 19 Le itse se, bakaulengwe bame baba rategang: a motho mongwe le mongwe a nne bofefo go utlwa, boya go bua, le bonya go galefa. 20 Gonne go galefa ga motho ga go bereke tshiamo ya Modimo. 21 Jalo tlogelang makgaphila otlhe a boleo le bontsi jwa maleo. Ko ntle ga boikgogomoso amogela lefoko le le jwadilweng, lele kgonang go boloka mewa ya lona. 22 Nnang babadi ba lefoko e seng ba utlwi fela, le itsietsa . 23 Gonne fa mongwe ele mo utlwi wa lefoko a sa le dire, o tshwana le monna yoo lebang sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng. 24 O a itebelela abo a tsamaya, ka bofefo a lebale gore one a ntse jang. 25 Mme motho yoo lebang ka keletlhoko mo molaong oo feletseng wa kgolelesego, abo a tswelele a dira seo, e se moutlwi fela yoo lebalang, motho yo o tlaa segofala mo ditirong tsa gagwe. 26 Fa mongwe a akanya gore ke modumedi, mme a sa laole leleme la gagwe, o tsietsa pelo ya gagwe, le bodumedi jwa gagwe ga bona mosola. 27 Tumelo ee phepa e bile e sena selabe fa pele ga Modimo wa rona le Rara ke se: go thusa masiela le batlholagadi baba mo kutlobotlhokong, go nna go sena selabe go tswa mo lefatsheng.

Chapter 2

1 Bakaulengwe ba me, le seka la tshwara tumelo mo go Morena wa rona Jeso Keresete, Morena wa kgalalelo, ka go thusa batho bangwe go feta ba bangwe. 2 A re re mongwe o tsena mo bokopanong ja lona a rwele palamonwana ya gouta le diaparo tse di ntle, mme gone foo ga bo go tsena monna yo o humanegileng a apere dilwana tse di leswe. 3 Fa o leba yo o apereng dilwana tse di turang o bo o re, '' Ke kopa o nne fa mo lefelong le siameng, '' mme o bo o raya yo o humanegileng o re, ''O eme fa le,'' kgotsa, ''Nna ko dinaong tsa me,'' 4 a ga le atlhole mo gare ga lona? A ga le nne baatlhodi ba ba megopolo e maswe? 5 Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang, a Modimo ga a tlhopha ba ba humanegileng mo lefatsheng go huma mo tumelong le go nna baja boswa ba bogosi jo a bo solofeditseng ba ba mo ratang? 6 Mme ga le a tlotla ba ba humanegileng! A ga se bahumi ba ba le gatelelang? Gape a ga se bone ba ba le isang ko dikgotla tshekelong? 7 A ga ba tlhapatse leina le le siameng le le lemogiwang ka lone? 8 Ka jalo, fa le diragatsa molao wa segosi,go yeng ka lekwalo, ''O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,'' o dira sentle. 9 Mme fa o thusa batho bangwe go feta ba bangwe, o dira boleo, mme o sekisiwa ke molao jaaka motho yo o tlolang molao. 10 Gonne ope fela yo o obamelang molao otlhe,fa a ka o fosa ka tsela e le nngwe, o nna molato wa go roba molao otlhe. 11 Gonne yo o rileng, ''O seka wa dira boaka,'' gape a re ''O seka wa bolaya.'' Fa o sa dire boaka, mme fa o bolaya, o motho yo tlolang molao. 12 Ka jalo bua o bo o dire jaaka ba ba tla atlholwang ka tsela ya molao wa kgololesego. 13 Gonne katlholo e tla go sena boutlwelo botlhoko mo go bao ba ba sa supang boutlwelo botlhoko. Mautlwelo botlhoko a fenya katlholo. 14 Go molemo o ntseng jang, bakaulengwe ba me, fa mongwe a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka? 15 A re re mokaulengwe ga apara sentle a bo a tlhoka dijo tsa letsatsi. 16 A re re mongwe wa lona o mo raya a re, ''Tsamaya ka kagiso, thuthafalelwa o bo o tladiwe '' Fa le sa ba neele dilo tse di tlhokwang mo mmeleng, molemo wa seo ke eng? 17 Ka tsela yone eo tumelo ka bonosi, fa e sena ditiro e sule 18 Mme mongwe o ka re, ''O na le tumelo, ke na le ditiro.'' Mpontsha tumelo ya gago e e senang ditiro, ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me. 19 O dumela gore go na le Modimo a le mongwe; o dira sentle. Mme le mewa e maswe e dumela seo, e bo e roroma. 20 A o batla go itse, monna wa seeleele, gore tumelo e senang ditiro ga e na mosola. 21 A Aborahame rra rona ga ntlafadiwa ka ditiro fa ntsha morwawe Isake mo aletareng? 22 Wa bona gore tumelo e berekile ka ditiro tsa gagwe le gore ka ditiro, tumelo ya gagwe e ile ya godisiwa thata. 23 Lekwalo le ne la diragadiwa le le reng, ''Aborehame o ne a dumela Modimo, mme ga balwa mo go ene e le tshiamo. ''Mme a bidiwa tsala ya Modimo. 24 Le a lemoga gore ke ka ditiro gore monna a siamisiwe, e seng ka tumelo fela. 25 Ka tsela yone eo, A Rahabe wa seaka o siamisitswe ka ditiro, fa a ne a amogela barongwa a bo a ba bontsha tsela e sele? 26 Fela jaaka mmele fa o kgaogane le mowa wa bo o sule ,ka jalo gape, tumelo e e kgaoganeng le ditiro e sule.

Chapter 3

1 Batho ga ba a tshwanela go nna baruti ba le bantsi, bakaulengwe ba me. Re itse gore re tla amogela katlholo e e masisi. 2 Gonne rotlhe re a palelwa ka ditsela tse dintsi. Fa mongwe a sa palelwe mo mafokong, ke monna yo o godileng mo semoweng, a kgona go laola le mmele wa gagwe otlhe. 3 Jaanong fa re tsenya ditomo mo melomong ya dipitse gore re di laole, re ka laola le mebele ya tsone. 4 Lemoga gape gore le dikepe, le fa di le ditona thata e bile kgaramediwa ke diphefo tse di nonofileng, di kgweediwa ka tshipi e e nnye e e ka ko tlase gore di tsamaele gongwe le gongwe ko mokgweetsi a eletsang gore di tsamaele teng. 5 Ka tsela e e ntseng jalo leleme ke karolo e nnye ya mmele, mme le ipelafatsa ka dilo tse di kgolo. Akanya ka fa tlhase ya molelo e tukisang naga e tona ka teng. 6 Leleme le lone ke molelo, lefatshe la boleo le le beilweng mo gare ga dikarolo tsa rona tsa mmele. Le leswafatsa mmele otlhe le bo le senya botshelo ba motho. Ke lone ka bo lone le tsenngwa mo molelong ke bobipo. 7 Gonne mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga, dinonyane, diphologolo tse di gagabang, le diphologolo tsa lewatle di a ruiwa e bile di ruilwe ke batho. 8 Mme ka ga leleme, ga gona ope magareng ga batho yo o kgonang go le ruwa. Ke bosula bo bo sa laolesegeng, bo tletse botlhole bo bo bolayang. 9 Ka lone re galaletsa Morena le Rara, le ka lone re hutsa batho, ba ba dirilweng mo setshwanong sa modimo. 10 Go tswa mo molomong o le mongwe go tswa ditshegofatso le diphutso. Bakaulengwe ba me dilo tse ga di a tshwanela go dirafala. 11 A petse e ka kgona go ntsha metsi a a botshe le a a botlhoko? 12 A setlhare sa mofeige, bakaulengwe ba me, se ka dira mafine? Kgotsa setlhare sa mofine, se ka dira maungo a mofeige? Le fa e le metsi a a letswai ga a kake a dira metsi a a monate. 13 Ke mang yo o botlhale gape a tlhaloganya magareng ga lona? A motho yoo a supe botshelo bo bo molemo ka ditiro tsa gagwe mo boikokobetsong jwa botlhale. 14 Mme fa o na le lefufa le le bogalaka le keletso ya go gaisa ba bangwe mo pelong ya gago, o seka wa ipelafatsa o bo o bua maaka kgatlhanong le boammaruri. 15 Se ga se botlhale bo bo tlang ko go rona bo tswa ko godimo. Boemong ke jwa selefatshe, ga se jo bo tswang ko Moweng o o boitshepho, bo tswa ko meweng e e bosula. 16 Gonne fa go nang le lefufa le keletso ya go gaisa ba bangwe, go nale tsietsego le le go dira sengwe le sengwe se se bosula. 17 Mme botlhale jo bo tswang ko godimo santlha bo phepa, go bo go nna kagiso, bonolo, bo tshwenyegile ka batho ba bangwe, bo tletse mautlwelo botlhoko le leungo le le molemo, bo sa tsise bokoa gape le boammaruri. 18 Le leungo la tshiamo le jalwa mo kagisong magareng ga bao ba ba dirang kagiso.

Chapter 4

1 Dikomano le dikgotlhang magareng ga lona ditswa kae? A gadi tswe mo dikeletsong tsa lona tsedi di tlhabanang magareng ga maloko a lona? 2 Le a eletsa, mme ga lena. Le a bolaya, abo le eletsa ditsabatho, ebile gale kgone go amogela. Le alwa abo le ngaga. Gale amogele ka gore gale kope. 3 Lea kopa mme gale amogele ka gore le kopa ka tsela e e sa siamang, gore letle le itirisetse go eng ka dikeletso tsa lona. 4 Diaka ke lona! A ga le itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba kgatlhanong le Modimo. Jalo ope hela yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo. 5 Kana le akanya gore dikwalo di bua lefela fa dire, ''Mowa o a o dirileng go tshela mo go rona o lefufa le le tseneletseng''? 6 Mme Modimo o fa ditshegofatso tse dintsi, jalo dikwalo tsare, ''Modimo o ganetsa ba ba boikgokgomoso, mme o neela tshogofatso ba ba boikobo''. 7 Jaanong ineeleng mo Modimong. Ganetsang diabolo, mme otla le tshaba. 8 Tlaa gaufi le Modimo, mme o tlaa tla gaufi le lona. Phepafatsang diatla tsa lona, baleofi ke lona, le itshekise dipelo tsa lona, lona bale tlhaloganyo di pedi. 9 Utlwang botlhoko, le hutsafale, le lele! A setshego sa lona se fetoge kutlobotlhoko le boitumelo ba lona bo nne lefifi. 10 Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme otla go tsholeletsa ko godimo. 11 Le seka la bua kgatlhanong le o mongwe, bakaulengwe. Motho o o buang kgatlhanong le mokaulengwe kapo a atlhola mokaulengwe wa gagwe o bua kgatlanong le molao ebile o atlhola molao. Ga o atlhola molao, ga o modire wa molao, mme moatlodi. 12 A le mongwe fela ke ene a neelang molao abo a atlhola. Ke ene a kgonang go boloka le go senyaka. Wena o mang, wena o a tlholang moagisane ka wena? 13 Jaanong reetsa, wena o o reng, ''Gompieno kana kamoso retla tsena mo toropong e, ra tsaa ngwaga teng, go gweba, le go dira dipoelo.'' 14 Ke mang yo o itseng gore gotla diragala eng kamoso, ebile botshelo ba gago ke eng? Gonne o mmuane o o bonalang ka lebakanyana abo o boa o nyelela. 15 Boemong, o tshwanetse gore, ''Fa Morena a eletsa, retla tshela abo re dira sele le sele.'' 16 Mme le jaanong lea ikgantsha kaga mananeo a lona a maikgantsho. Boikgantsho botlhe bago nna jalo bo bosula. 17 Jaanong ope hela o o itseng go dira se se siameng abo a sa se dire, mo go ene ke boleo.

Chapter 5

1 Tlaa jaanong, lona bale humileng, lela le goeletse ka lebaka la mahutsana aa tlang ko go lona. 2 Dikhumo tsa lona di bodile, le dilwana tsa lona di jelwe ke motoutwane. 3 Gauta ya lona le selefera di rusitse, Go rusa ga tsone e tlaa nna bosupi kgatlhanong le lona. E tla aja nama ya gago jaaka molelo. O ipeetse mahumo a gago go malatsi a bofelo. 4 Bona, tuelo ya babereki e lelela ko ntle-tuelo e o ganneng ka yone go tswa ko go ba ba robileng masimo a gago. Le selelo sa barobi se ile mo di tsebeng tsa Morena wa mashomoshoma. 5 Le tsheletse mo letlepung mo lefatsheng, le inatefisa. Le nontsheditse dipelo tsa lona letsatsing la tlhabo. 6 Le beile molato la ba la bolaya motho o o siameng. Ga a le ganetse. 7 Jalo nna pelo telelele, bakaulengwe, go fitlhela gotla ga Morena. Bona, molemi o emetse thobo ya tlhwatlhwa go tswa mo lefatsheng. O e emetse ka bopelotelele, go fitlhela e amogela dipula tsa pele le tsa morago. 8 Le wena, nna pelo telele. Dirang dipelo tsa lona thata, ka gore go tla ga Morena go gaufi. 9 Le seka la ngongorega, bakaulengwe, kgatlhanong le ba bangwe, gore le seka la atlholwa. Bona, moatlhodi o eme kwa monyakong. 10 Tsaya sekai, bakaulengwe, ka go sotlega le bopelotelele jwa baporofiti, bao ba buileng mo leineng la Morena. 11 Bona, re lemoga bao ba ba itshokileng gore ba segofetse. Le utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe, e bile le itse lebaka la Morena, ka fa a leng pelotlhomogi le mautlwelo botlhoko ka teng. 12 Godimo ga tsotlhe, bakaulengwe, le seka la ikana, e seng ka legodimo kapo lefatshe, kapo ka maikano ape. Boemong, a ''ee'' wa lona a ree ''Ee'' le ''Nnyaa'' wa lona a ree ''Nnyaa,'' gore le seka la wela mo tshekisong. 13 A gona le mongwe wa lona yoo bogang dikgwetlho? A a rapele. A ope o itumetse? A a opele dikgalaletso. 14 A gona le mongwe mo go lona yoo lwalang? A a bitse bagolwane ba phuthego, mme a ba mo rapelele. A ba mo tlotse ka leokwane mo leineng la Morena. 15 Thapelo ya tumelo e tlaa fodisa balwetsi, mme Morena o tlaa motsholetsa. Fa a dirile maleo, Modimo o tlaa mo itshwarela. 16 Jaanong Ipolelaneng maleo, a bo le rapelane, gore le tle le fodisiwe. Thapelo ya mosiami e nonofile mo go berekeng ga yone. 17 Elija ene ele motho fela jaaka rona. O ne a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka yana, mme ene ya seka ya na mo lefatshing sebakeng sa ngwaga tse tharo le kgwedi tse thataro. 18 E bile Elija o rapetse gape. Magodimo a tlisa pula, mme lefatshe la ntsha leungo a lone. 19 Bakaulengwe bame , fa mongwe mo go lona a tswa mo boammaaruring, mme bangwe ba mmuse gape, 20 motho wa gonna jalo o tshwanetse go itse gore ope yoo fetolang moleofi go tswa mo tseleng ya gagwe tsa tatlhego o mmoloka go tswa mo lesong, e bile o tlaa khurumetsa palo e kgolo ya maleo.